
LEGORA TSA LA BOENJENERE
Dikolo
Sekolo sa Boenjenere Jwa Dikhemikale le Diminerale
Boejenere jwa dikhemikale bo akaretsa patlisiso, tlhabololo, go aga, bodirelo le go laolwa ga ditiro tsa bodirelo, tse mo go tsone diretela di fetolwang ka tiriso ya dikhemikale kgotsa ka tsela ya tlhago gore e nne dikumo tsa boleng jo bo kwa godimo tsa ikonomi. Ditiro tseno di amana le go dira ka dipolasetiki, tlhagiso ya difaeba, go itshekisiwa ga oli, diedi tse di kgonang go thunya, menontsha, diokobatsi tse di bonwang kwa dikhemising le go tsenngwa ga methini ya nyutlelia. Boenjenere jwa segompieno jwa dikhemikale bo dirisa mmetshe le tlhamosea go tlhama dilo, le go godisa boleng jwa ditiro tsa mo bodirelong. Moenjenere wa dikhemikale a ka nna a nna le seabe mo tirong eno fa e le mo kgatong epe fela - go simolola ka go tlhama kgopolo ya se se ka dirwang, go fitlha ka thekiso ya kumo eo ya bofelo e e tlhamilweng.
Go dira dikumo ka diminerale ke nngwe ya ditiro tse di kgethegileng ya Boenjenere jwa Dikhemikale jwa go fetola dikumo ka tsela ya tlhago kgotsa ka tiriso ya dikhemikale, tse segolobogolo e leng tsa go ntsha mmetale mo maanyeng.


