Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORA TSA LA BOENJENERE

Mafelo a go ithutela le didirisiwa

Kwa Legorong la Boenjenere baithuti ba tlamelwa ka mafelo le didirisiwa tse di gaisang tsotlhe tse ba di tlhokang go sola molemo dingwaga tsa bone tsa go ithuta.

E re ka boenjenere bo sa tlhome mogopolo fela mo go ithuteng ka tlhogo, mme le mo go direng tiro ka tsela ya mmatota, go a tlhokega go dira gore baithuti ba dirise didirisiwa tse di leng teng fa ba dira tiro ka mmatota go ba baakanyetsa isagwe. Diphaposi tsa botlhatlhelelo di dikgolo ka mo go lekaneng go ka tsenya ditlhopha tse dikgolo tsa baithuti mme batlhatlheledi ba dirisa mekgwa e e tshwanetseng ya go ruta baithuti.

E re ka Boenjenere e le tiro e e fetofetogang ya seporofeenale, go botlhokwa gore baithuti ba lepalepane le kitso ka ga yone ka go nna le diphaposi tse di tsentsweng dikhomphuitha tse di nang le diporokeramo tse dia le inthanete e e bonako. Fa moithuti ope a na le didirisiwa tseno, o tla atlega mo dithutong tsa gagwe tsa boejenere.