
TLHALOSO-KHUTSHWANE KA MAFIKENG
Tlhaloso ka Bokhutshwane
Khampase ya Mafikeng e e nang le moya wa go rata go dira tirelosethaba e bile e na le bokgoni mo mananeong a yone a thuto le go dira patlisiso, e bontsha ka fa YBB e ineetseng ka gone go nna le seabe mo tikologong ya yone, go solegela naga yotlhe molemo le go itsege kwa dinageng di sele.
Khampase eno e e leng kwa Mafikeng, kwa motsemoateng wa Porofense ya Bokone-Bophirima, ke yone ya bobedi e kgolo go gaisa dikhampase tsotlhe tse tharo. Baithuti ba ba tswang kwa dinageng di le 20 ba ne ba le gareng ga ba le 8 000 ba ba neng ba ikwadisetsa dithuto tse di latelang mo magorong a le tlhano a yone ka 2008 – Temothuo, Saense le Thekenoloji; Kgwebo le Botsamaisi; Thuto; Disaense Tsa Mekgwa ya Batho le Tsa Loago, le Molao. 
Dingwe tsa dithuto tse di rutwang kwa Khampaseng ya Mafikeng ga di yo kwa dikhampaseng dipe tsa Aforika Borwa. Tikatikwe ya Dithuto Tsa Boitekanelo Jwa Diphologolo e na le dikirii ya BSc ya Boitekanelo Jwa Diphologolo e bile ke yone fela e nang le Dipoloma ya Boitekanelo Jwa Diphologolo e e amogelesegang go ka kwadisiwa kwa Lekgotleng la Aforika Borwa la Bongaka Jwa Diphologolo. Ka jalo, YBB ke yone fela yunibesiti e e ileng ya dirisa Khampase ya Mafikeng mo nageng yotlhe go naya mananeo a baithuti ba ba santseng ba simolola dithuto tsa yunibesit le a ba morago ga lekwalo la boalogane tetlelelosemmuso mo thulaganyong ya tsa Indigenous Knowledge Systems (Ditsamaiso Tsa Kitso e re Tlholegileng ka Yone IKS). Fa Khampase e nna le seabe mo baaging, e ne ya dirisana mmogo le ditlamo tse dingwe mo go oketseng boleng jwa go rotloetsa tlhabololo ya ikonomi ya porofense. Dingwe tse go dirisanwang mmogo le tsone ga jaanong di akaretsa Tlhabololo ya Lefelo la Madirelo Kwa Mafikeng, Koporasi ya Tlhabololo ya Intaseteri, Lefapha la Temothuo la Tshomarelo le Tikologo, le Letlole la Baa la Umsobomvu. Tirisanommogo ya ditlamo tseno e tlamela baagi ba ba seng kana ka sepe mo sethabeng ka ditirelo, go simolola ka barui ba ba sa ntseng ba fatlhoga ba dikgomo le go ba nonotsha go fitlha ka go katisetsa baagi ditshwanelo tsa bone tsa botho le go dira patlisiso ka dimenerale le tlhokomelo ya dikgomo. Tirisanommogo e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe ke ya go akaretsa Tikatikwe ya Khampase ya Mafikeng, e leng Centre for Applied Radiation Science and Technology (CARST), e e neng ya tlhongwa ka 1998 jaaka e e dirisanang mmogo le YBB le ba ba nang le seabe mo bodirelong jo bogolo thata jwa nyutlelia mo Aforika Borwa. Tikatikwe eno e ngokile kgatlhego ya bontsi jo bo seng kana ka sepe jwa batho ba dinaga di sele. Ka 2008, la ntlhantlha mo Aforika, United Nations Comprehensive Nuclear Test Ban Treaty Organization e ne ya etela CARST mme ya tlhoma laboratori e e kgonang go dira mo mafelong a a farologaneng go lekanya digase tsa marang a eneji. Mo tiragalong e nngwe ya boeng jaana, borasaense ba le bane ba Ba-Russia le ba kwa Borithane ba ba tswang kwa Yunibesiting ya Sheffield ba ne ba tshwara kokoano ya go katisetsa baithuti ba morago ga lekwalo la boalogane go fokotsa go dutla ga digase tsa marang a eneji.
Fa baithuti ba Khampase ya Mafikeng ba sa tshwarega ka ditiro tsa mo laboratoring le mo teng ga diholo tsa botlhatlheledi, o tla ba fitlhela ba ntshitse ga tshwene mo ditirong tsa setso le kwa mabaleng a metshameko. Khampase eno e itsege ka mmino, mmino wa dikhwaere le diterama tsa ditso tse di farologaneng, mme e na le Setheo sa Kgwele ya dinao se se gatetseng pele sentle se se thusang ka tsa kgwele ya dinao mo porofenseng le mo nageng yotlhe. Metshameko e mengwe e e ratwang thata mo Khampaseng ke ju-jitsu, diaerobiki, softball le tenese ya mo tafoleng.




