NWU: Khamphase ya Hisitori ya Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa

YBB
Hisitory ya boeng

Hisitori ya Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa

Go arabela mokgosi wa kgwebo le intaseteri

Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa e itsege ka sengwe se se tlhomologileng: E ne ya tlhongwa ka ntlha ya kopo e e neng ya dirwa ke borakgwebo le ke intaseteri mo tikologong ya Vanderbijlpark, e leng lefelo le le nang le kgolo e e boitshegang ya Porofense ya Gauteng.

Seno se simolotse ka 1963 fa Yunibesiti ya Potchefstroom ya Thuto e e Kwa Godimo ya Sekeresete (PU ya CHE) e ne e simolola go ruta dikhoso tsa go ikgakolola tsa babalamatlotlo mo lefelong la Khutlotharo ya Lekwa.

Dingwaga di le tharo morago ga moo, ka 1966, batlhatlheledi ba ba neng ba tla fano go tswa Potchefstroom ba ne ba simolola go ruta ka nakwana, thuto ya dikirii ya BCom mo Vanderbijlpark. Ka 1970 go ne ga latela batlhatlhaledi ba bangwe gape ba nakwana ba dikirii ya BA.

Dipalo tsa baithuti di ne tsa nna tsa gola ka iketlo, mme seno sa felela ka gore go tlhongwe ofisi ya leruri mo lefelong la Khutlotharo ya Lekwa ka 1973. Morago ga moo, ka 1976, batlhatlheledi ba nakwana ba ne ba simolola go rutela dikirii ya BSc mme baporofesa ba ntlha ba bararo ba leruri ba ne ba fudusediwa kwa Vanderbijlpark.

Batlhatlheledi ba leruri ba ne ba simolola ka 1977, mme batlhatlheleid ba leruri ba le barataro ba ne ba ruta baithuti ba le 52. Morago ga ngwaga, Khutlotharo ya Lekwa e ne ya atolosa dithuto tsa yone ka go tsenya dikirii ya BEd le Dipoloma ya Thuto e e Kwa Godimo.

Ka 1983, Khampase e ne ya bidiwa semmuso go twe ke Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa e e nang le Motlatsa-Moreketoro. Go ne ga simololwa ga agiwa khampase ya riverside mme ga tlhongwa porofesa wa ntlha wa Legoro la Boenjenere.

Go ne ga nna le phitlhelelo e e seng kana ka sepe ka 1984 fa palo ya baithuti e ne e gola go fitlha kwa go 1 140 go bo bo tshwarwa le moletlo wa ntlha wa kalogo wa baalogi ba le 99.

Ngwaga morago ga moo, ka 1985, dikago tse pedi ba ntlha ba bonno tsa banna di ne tsa simolola go dirisiwa, mme mo dingwageng di le pedi, Khampase e ne e kgona go tshola baithuti ba le 185 mo dikagong tsa bonno.

Khampase e ne ya tswelela pele go dira ka katlego mme ka 1992, palo ya baithuti ya fokotsega, go tswa kwa go 1 900 go fitlha go mo e ka nnang 1 500. Go ne ga tsenngwa puo ya Seesemane jaaka puo e go tla rutwang ka yone, mme seno sa dira gore Khampase e nne lefelo la batho ba ba buang puo e e rileng fela.

Ka 1994, go ne ga simololwa diphetogo tse dikgolo mo Khampaseng. Dingwe tsa dilo tse di neng tsa dirwa e ne e le go tsenngwa ga dikirii ya BCom e e ithutelwang dingwaga di le nne ke baithuti ba ba dikobo-di-magetleng le go tshwarwa ga ditlhopho tsa ntlha-ntlha tsa temokerasi tsa Lekgotla le le Emelang Baithuti.

Mo dingwageng di le some tse di latelang, Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa e ne ya nonotsha boemo jwa yone jaaka lefelo le go bonwang thuto e e kwa godimo mo go lone mo kgaolong. Ka 2003, dipalo tsa baithuti di ne di tlhatlogile go fitlha kwa go 2 247 – palo e e fetang 2 000 lekgetlo la ntlha mo hisitoring ya Khampase. Ka nako ya fa di ne di kopanngwa ka Ferikgong 2004, fa Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa e ne e nna nngwe ya dikhampase tse tharo tsa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, palo ya baithuti mo Khampaseng e ne e godile go fitlha kwa go 3 038.

Gompieno, Khampase e na le baithuti ba ka nna 4 000 le magoro a mabedi a thuto, Legoro la Mekgwa ya Batho le Legoro la Disaense Tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso.