Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

DIPHAROLOGANO, TEKATEKANO LE DITSHWANELO TSA BATHO

Dipharologano

Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e tlhomologile ka gonne e rotloetsa dipharologano mo nageng ya rona le go dumalana le moano wa rona, e leng: Re motho a le mongwe fela. Yunibesiti e tlhama setso se se tlhomologileng sa setheo le melawana e e theilweng mo kutlwanong le mo melawaneng e e laolang Yunibesiti. Le mororo lereo la "dipharologano" le tlhalosiwa ka ditsela tse di farologanen, go botlhokwa thata gore re tlhalose dipharologano mo teng ga YBB, gore di tshwanele setheo sa rona se se tlhomologileng. Fa go sekasekwa dikarolo tsa dipharologano kwa YBB, go tlhaolwa dikarolo tse di latelang tsa dipharologano jaaka tse di maleba thata: lotso, bong, bodumedi, puo, dipharologano tsa ditso mo nageng ya rona le dipharologano tsa ditso mo tirong. 

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ga dipharologano mo teng ga YBB, buisa Pholisi ya Dipharologano le Tšhata ya Dipharologano.