
BATLAMELA KA MADI
Ditebogo le dikakgolo
Ba ba ntshetsang Yunibesiti ya Bokone-Bophirima madi a mantsi ba dirisa Ofisi ya Setheo ya Kgatelopele ba akgolelwa ka tshwanelo seabe se segolo se ba nnileng le sone sa go tlhomela Yunibesiti isagwe.
Mengwe ya meputso e e tla newang batho ba ba ntseng ba re abela madi ka bopelotshweu ke go lalelediwa ditiragalong tse di kgethegileng le go dirisa dikago dingwe (laeborari),
Fa o ikgolaganya le Yunibesiti, go umaka ditshwanelo go ka nna a tlhokega fa e le gore o ema nokeng diporojeke tse di kgethegileng tsa kapetlele. Fa o akanyetsa go naya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima mpho e e tlhomologileng go di feta tsotlhe, tsweetswee ikgolaganye le rona re bone gore re ka amogela jang mpho eo e o re emang nokeng ka yone.
Re tla anaanela thata fa gape o ka tsenya leina la gago mo Pampiring ya ba ba Akgolwang fa o dira mpho ya selekanyo sepe fela sa madi ka inthanete.


