Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

BAITHUTI BA BA TSWANG KWA DINAGENG DI SELE

Ka ga bone

Jaaka setheo se se amogelang baithuti go tswa dinageng di sele, yunibesiti ya rona e ngoka palo e e ntseng e gola ya baithuti ba ba tswang ka kwa ga melelwane ya Aforika Borwa. 

Ngwaga le ngwaga, baithuti ba le makgolokgolo go tswa kwa dinageng di sele ba tlhopha go ikwadisetsa dithuto tsa masetase, tsa bongaka kgotsa tsa morago ga lekwalo la dithuto tsa bongaka mo YBB e e itsegeng ka maemo a yone a a kwa godimo, moya wa go nna le mokgwa o moša wa go dira dilo, katlego le moya wa go amogela baeng. Gape re amogela palo e e seng kana ka sepe ya baithuti ba lekwalo la pele ga boalogane ba ba tswang mo dinageng tsa boagisani, segolobogolo Botswana.

Ga jaanong jaana, yunibesiti e na le baithuti ba ba tswang kwa dinageng di ka nna 25 tse di kwa ntle ga Aforika Borwa, mme bontsi jwa bone ba kwa khampaseng ya Potchefstroom le ya Mafikeng. Dikhampase tseno ka bobedi di na le Ofisi e e dirang ka botlalo ya Baithuti ba ba tswang Dinageng di Sele, e tiro ya yone e leng go thusa baithuti bano gore ba ikutlwe ba amogelesegile le gore ba kgone go simolola dithuto tsa bone kwa ntle ga mathata ape.

Dingwe tsa ditirelo tse di dirwang ke Diofisi tsa Baithuti ba Dinaga di Sele tsa YBB ke:

Kgakololo le tshedimosetso ka go amogelwa ga bone, bonno, thuso ya madi go tswa kwa pusong, dibasari le makwalotetla a go ithuta.

Ofisi eno e ema baithuti nokeng go simolola ka nako ya fa ba botsa dipotso lekgetlo la ntlha go fitlha ba goroga mo khampaseng. Kemonokeng eno e akaretsa go dirisa banka, dilo tsa kalafi le ditirelo tse dingwe tsa botho tsa kemonokeng.

Ba go ka diregang gore e nne baithuti ba ba tswang kwa dinageng di sele le bone ba tshwanetse go ela tlhoko gore YBB e na le Ofisi ya leruri ya Baithuti ba Dinaga di Sele kwa London kwa United Kingdom, e go ka ikgolaganngwang le yone ka mogala kgotsa ka imeili.

Baithuti ba dinaga di sele ba ba eletsang go itse go le gontsi ka YBB, tsweetswee tobetsang fano