
Datlisiso le Togamaano
Dintlha-kgolo tsa patlisiso le tshedimosetso-kakaretso
Babatlisisi ga ba di gogang kwa pele: Babatlisisi ba le mmalwa ba YBB ba abelana maitemogelo a bone le batho ba bangwe mo lefatsheng.
• Dithutego tsa Mokaedi wa Sekolo sa Tsamaiso ya Dikarolo Tsa Mmele, Boitapoloso le Metshameko mo Khamphaseng ya Potchefstroom di mmaya mo maemong a baithuta bogolo wa mmele wa motho ba le 14 mo lefatsheng lotlhe.
• Mokaedi wa Senthara e e di Gogang Kwa Pele ka Dikotla e ne e le ene fela monetetshi yo o tswang Aforika yo o neng a laleditswe ke Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Pholo (World Health Organisation) gore a tle go nna Leloko la Setlhopha se se Nang le Bokgoni sa Bogakolodi ka Tsa Dikotla.
• Monetetshi wa Senthara e e di Gogang Kwa pele ya Patlisiso ka Lefaufau o ne a laleditswe ke Mokgatlho wa Patlisiso wa Bosetšhaba gore a ye go emela Aforika Borwa kwa COSPAR, e leng komiti ya boditšhabatšhaba ya patlsiso ka lefaufau.
• Mankge mongwe wa Sekolo sa Disaense Tsa Tikologo o ne a tlhophiwa go nna Modulasetulo wa komiti ya boditšhabatšhaba ya Tumalano ya Merafe e e Kopaneng ya go Lwantsha Go Tlhokomologiwa ga Ditsha.
• Banetetshi ba babedi ba Senthara e e di Gogang Kwa Pele ya Patlisiso ka Lefaufau ba ne ba le maloko a setlhopha sa boditšhabatšhaba sa banetetshi se NASA e neng ya se naya awate ya go nna le seabe ga sone mo go atlegeng ga letsholo la sesutlha-lefaufau sa ga Ulysses.
Bolepadinaledi: Setlhopha sa babatlisisi go tswa kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ke sengwe sa ditlhopha tsa patlisiso tsa boditšhabatšhaba sa High-Energy Stereoscopic System (H.E.S.S.) se se neng sa nna bafenyi ba Moputso wa Descartes le Moputso wa Rossi.
Senthara ya Dikhomphiutha Tsa Lobelo lo Logolo: Senthara ya YBB ya Dikhomphiutha Tsa Lobelo lo Logolo kgotsa Centre for High Performance Computing (CHPC) e tlhomologile ka ntlha ya didirisiwa tsa yone tsa boleng jo bo kwa godimo tsa go dira ditekeletso le patlisiso e e tseneletseng ka dikhomphiutha mo dirutweng tse di farologaneng.
Badulasetulo ba boditšhabatšhaba ba patlisiso: Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e ne e le yunibesiti ya ntlha mo Aforika Borwa e Lefapha la Saense le Thekenoloji kgotsa Department of Science and Technology (DST) le neng la e abela go nna modulasetulo wa Boenjenere Jwa Nyutlelia. Di DST tse dingwe tse pedi, e leng badulasetulo ba patlisiso kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ke Banetetshi ba Fisika ya Dinaledi le Fisika ya Sebaka. Gape, Khamphase e na le Modula-Setulo mmogo wa SANERI wa Go Ithuta Maokwane le Maokwane a Mangwe a Sele a a Phepa.
Senthara e e Nang le Bokgoni ya DST: Lefapha la Saense le Thekenoloji kgotsa The Department of Science and Technology (DST) le ne la naya YBB DST ya boraro Senthara e e Nang le Bokgoni kgotsa Centre of Competency (CoC) ya Haeterojone le Khansele ya Patlisiso ka Tsa Saense le Intaseteri kgotsa Council for Scientific and Industrial Research (CSIR), mme YBB e ne e eteletse pele mo dingwageng tsa ntlha tse tlhano.
Tsamaiso ya Ka fa Methabolisime mo Bathong e Tsibogelang Diokobatsi ka Gone: YBB e na le tsamaiso e le nngwe fela mo Aforika Borwa ya Ka fa Methabolisime mo Bathong e Tsibogelang Diokobatsi ka Gone, mme seno se dira gore Yunbesiti e nne e e di gogang kwa pele mo patlisisong ya botegeniki jo bo amanang le ditshedi tse dinnye.


