Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA THUTABOMODIMO

Go TSENYA BOKGONI TIRISONG

Legoro la Thutabomodimo le dirile ditumalano le ditheo di le robonngwe tsa thutabomodimo mo nageng yotlhe le ditheo di le supa kwa moseja.

Go dirilwe tumalano fa gare ga Yunibesiti le Dikereke Tsa Sedatšhe mo Aforika Borwa malebana le gore dikereke di dirise bokgoni jwa baithutabomodimo bafe mo Legorong, le Legoro ka go tshwana. Ditumalano tse di ntseng jalo di dirwa le ditheo tse dingwea ka dinako tse dingwe fa di tlhokwa, ka sekai ditlamo tsa puso, diyunibesiti tse dingwe, dikholetšhe tsa thutabomodimo, ditheo tsa bokeresete le Mokgatlho wa Baebele wa Aforika Borwa.

Se se kgatlhanong thata ke tirisano mmogo ya lefatshe lotlhe ya patlisiso ya Forschungzentrum Internationale und Interdiziplinre Theologie ka fa tlase ga boeteledipele jwa Ruprecht-Karls-Universitt in Heidelberg, kwa Jeremane le Setheo sa Steve Biko sa maitshwaro ka baeoloji le melemo ya kalafi kwa Yunibesiti ng ya Witwatersrand

Maloko a le mmalwa a Legoro le one a kwadisitswe konteraka ke Mokgaatlho wa Baebele gore a nne le tirisano mmogo mo dithanolong tsa Baebele. Mo godimo ga tiriso ya bokgoni jo bo umakilweng fa godimo, nako le nako, Legoro le tshwara diseminara ka dikgang tsa ga jaanong tsa loago, maitshwaro le tsa kereke, le tlotla ka ditlhogo tse di jaaka lehuma, HIV/Aids, ditshwanelo tsa batho le tse di amanang le bong. Maloko a le mmalwa a Legoro a nna le seabe mo go tlhameng le mo go gatiseng didirisiwa le ditsompelo tsa go tlhalosa Baebele.