
FACULTY OF THEOLOGY
DI POROJEKE TSA GA JAANONG TSA PATLISISO
Maikemisetso a Yuniti ke go tlamela ka thuso e go dirilweng patlisiso ka yone mo ditherisanong tse di botlhokwa mo Aforika Borwa gompieno, segolobogolo tse di amanang le go tlhalosiwa ga Baebele le go dirisiwa ga yone mo tlhabololong ya setšhaba sa Aforika Borwa. Go ya ka Thutabomodimo e e Tlhabolotsweng, Yuniti e batla go neela puo e e mosola ka dikgang tsa boditšhabatšhaba tsa thutabomodimo le dikaralo tse di leng botlhokwa mo setšhabeng sa Aforika Borwa.
Gore re fitlhelele maikemisetso wa rona, re tla dira ditiro tse di latelang:
Dikgopolo Tsa Thutabomodimo e e Tlhabolotsweng malebana le ditshwanelo tsa batho di dirisiwa mo thulaganyong ya go aga setšhaba le tlhabololo ya setšhaba. Selo se se kgethegileng se go tlhomilweng mogopolo mo go sone ke kamano fa gare ga Kereke le Puso. Seno se dirwa ka porojeke ya setlhogo se se reng: “Go ntshafadiwa ga boitshwaro jwa setšhaba: Maitshwaro a ditshwanelo tsa batho.”
Mokgwa wa go akanya le patlisiso ka tlhaloso ya mokwalo wa bodumedi mo loagong le mo hisitoring ya Baebele di direlwa (gareng ga tse dingwe) go tlamela ka didirisiwa tsa go toloka, go ranola, le go tlhalosa ditemana tsa Baebele go ya ka maemo a rona a ga jaanong. Seno se dirwa ka porojeke ya setlhogo se se reng: “Diteng tsa Baebele tsa Loago le hisitori le Tlhabollo ya Setšhaba sa SA".
Dilo tsa semowa di tlhalosiwa ka go leka ka natla go tlhaloganya le go tlhalosa go tsenngwa tirisong ga mekgwa le ditiro tsa bodumedi mo setšhabeng sa Aforika Borwa ka go tlhalosa dikwalo tse di boitshepo tumalanong le se Modimo a se senolang mo Dikwalong. Patlisiso gantsi e felela ka go tla ka bosupi jo bo botlhokwa jwa go ntšhafadiwa ga go go tsenngwa tirisong ga mekgwa. Seno se dirwa ka porojeke ya setlhogo se se reng: “Go fetoga ga ditumelo tse di botlhokwa tsa thutabomodimo mo setšhabeng sa Aforika Borwa”.
Go tlhalosiwa ga Baebele go tshwanetse ga ithutwa, ka ntlha ya mekgwa e mentsi-ntsi e e dirisiwang ya go e tlhalosa. Molaetsa wa Baebele o tshwanetse go tlhalosiwa ka tsela e e nang le boikarabelo le e e amogelesegang, le go fetisediwa ka katlego mo setšhabeng. Patlisiso ka ga seno e dirwa ka porojeke ya setlhogo se se reng: Go akanya ka tlhaloso ya dikwalo tse di boitshepo: dikgang tse di amanang le go tlhalosa Baebele ga jaanong”.
Porojeke ya setlhogo se se reng:“Dithuto Tsa Bogologolo Tsa Ditemana” e ikemiseditse go dira patlisiso ya saense ka mekwalo ya bogologolo. Go tlhomilwe mogopolo thata mo patlisisong e e theilweng mo ditemaneng e molaomotheo wa tlhaloso e e lekaneng o leng botlhokwa mo go yone. Karolo ya bobedi e go tlhomiwang mogopolo mo go yone ke tlhaloso ya maemo a go tlhaloganya ka botlalo, ka mafoko a mangwe: Encyclopedia ya go tlhaloganya mekwalo ya bogologolo (bontsi jwa yone mme e seng ya bodumedi fela).
“Dithuto Tsa Hisetori Tsa Kereke” di simolotswe jaaka porojeke, mme porojeke-potlana ya tsone ya ntlha ke: “Go Rekotla Hisitori ya Sekolo sa Thutabomodimo sa GKSA (1970–2019)”.
Go sa ntse go dirwa patlisiso ka dikarolo tse di farologaneng tsa Thutabomodimo Tsa Tesetamente e Ntšha. Go dirwa ga tiro eno go ka nna ga bidiwa "Thutabomodimo ya Baebele" kgotsa, jaaka mo ngwaong e e tlhabolotsweng ya Sedatšhe go ka bidiwa “Hisitori ya Tshenolo”. Seno se dirwa ka porojeke ya setlhogo se se reng: “Dikarolo Tsa Thutabomodimo ya Tesetamente e Ntšha.”


