Printer-friendly version
Gatisa
-A A +A
Bogolo     
Phetiso ya rss
Share this
Seabe / Karolelo

TSHEDIMOSETSO KA GA

 

FACULTY OF ARTS
 

Sekolo sa Mmino

 

Sekolo sa Mmino le Lefelo la go Katisediwa Mmino kwa Yunibesiting ya Bokone Bophirima le ruta thuto e e molemo tota ya mmino wa tlelasiki wa dinaga tsa bophirima, mmino wa jese le mmino wa Aforika. Lenaneo la rona le naya baithuti tshono ya go tsaya karolo mo mminong, mo thutong ya mmino, patlisiso le thekenoloji ya mmino. Setlhopha sa rona sa mmino se akaretsa setlhopha se se sa tswang go tlhamiwa bošeng sa baletsi ba diterompeta, baletsa-dikatara, setlhopha sa baopedi, setlhopha sa marimba le sa jese. Gape baithuti ba nna le tshono ya go nna le seabe mo ditlhopheng tse dinnye tsa mmino. Laboratori ya rona ya thekenoloji ya mmino e na le dirwethata le dirweboleta tsa bošeng tsa khomphiutha tsa maemo a a kwa godimo mmogo le Didirisiwa tsa Seporofešenale tsa mmino. 

Mo godimo ga ditlhopha tsa rona tse di tshamekang mmino, baithuti ba nna le tshono ya go nna le bokgoni jwa go itlhamela mmino wa bone, go dira patlisiso le go ithuta mmino gore ba nne le didikirii tse di farologaneng mo go one tsa pele ga kalogo le morago ga kalogo go akaretsa le dithuto tsa masetase le tsa bongaka. Badiri ba rona ba akaretsa batshameka mmino ba maemo a a kwa godimo, batlhatlheledi le babatlisisi, mme botlhe ba ikemiseditse go naya baithuti ba rona thuto e e di gaisang tsotlhe le katiso fa ba simolola mekgele eno ya bone ya tiro.

Re tswelela pele re leka go nna sengwe sa ditheo tse di tlhomologileng tse di rutang mmino le patlisiso mo Aforika Borwa.