Printer-friendly version
Gatisa
-A A +A
Bogolo     
Phetiso ya rss
Share this
Seabe / Karolelo

TSHEDIMOSETSO E NNGWE

 

Lefelo la Mekgele ya Tiro la YBB

Ka ga rona

Lefelo la Mekgele ya Tiro ke lefelo le baithuti botlhe ba ka bonang kgakololo mo go lone ka ditshono tsa mekgele ya tiro, go kwala di CV, mekgwa ya go botsolodiwa, le tshedimosetso e nngwe malebana le mokgele wa bone wa tiro. Webosaete ya YBB e e kgonang go tshwara motlotlo le wena e tla dira gore baithuti le dikhampani mo mmarakeng wa tiro gore ba golagane. Seno se tla dira gore baithuti ba bone ditshono di le dintsi mo diintasetering tse di farologaneng.

Lefelo la Mekgele ya Tiro gape le tla thusa bathapi gore ba bone batho ba ba tshwanelegang sentle go fitlhelela dipatlafalo tsa tiro.

Go Ipaakanyetsa goThapiwa
Laeborari ya Lefelo la Mekgele ya Tiro
Webosaete ya YBB e e tshwarang motlotlo le wena
Dikokoano Tsa go Tlhabana Botlhale
Go sekaseka Lenaane la dithutego
Dipontsho le ditiragalo tsa mekgele ya tiro
Dipotsolotso
Ga o itse gore o ithute eng
Dithuto le dikhoso


Boikaelelo jwa Lefelo la YBB la Mekgele ya Tiro ke go godisa tsholofelo ya gago ya go batlana le tiro le bokgoni jwa teng. Tlaya mo Lefelong la Mekgele ya Tiro mme o tlhatlhobe dimakasine tsa rona, difaele, dibuka-tshupiso le tshedimosetso ya bathapi. Leba lenaane la di-DVD tsa rona tsa go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go batlana le tiro. Aga kamano ya go dira mmogo le maloko a badiri ba rona – re iketleeleditse go go thusa!

Go Ipaakanyetsa goThapiwa: Lefelo la Mekgele ya Tiro ke lefelo le baithuti botlhe ba ka bonang kgakololo mo go lone ka ditshono tsa mekgele ya tiro e go ka diregang gore ba e latelele. Baithuti ba tla thusiwa ka dipotso tse di amanang le mekgele ya tiro le ka ditshono tsa ditiro tse go ka diregang gore ba thapiwe mo go tsone mo ditlamong le mo dikhampaning tse di farologaneng. Etela KgaolokaMekgele mo webosaeteng ya rona go kwadisa CV ya gago mme o ithute ka ditshono tse di farologaneng tse di bulegetseng baithuti ba YBB.

Laeborari ya Lefelo la Mekgele ya Tiro: Leletsa Lefelo la Mekgele ya tiro mme o newe tshedimosetso ka mmaraka wa badiri, mekgele ya tiro, maemo mo tirong, ditshono tsa go bona ditiro, thuso ka go batlana ga gago le tiro, go kwala CV, go ipaakanyetsa potsolotso le tshedimosetso e nngwe malebana le bathapi le isagwe ya gago ka go thapiwa.

Webosaete ya YBB e e tshwarang motlotlo le wena: Webosaete ya Lefelo la Mekgele ya Tiro e tla thusa baithuti le dikhampani mo mmarakeng wa tiro gore ba golagane.

Seno se tla dira gore baithuti ba bone ditshono di le dintsi mo diintasetering tse di farologaneng. Baithuti ba ka batla ditiro ka inthanete le go dira kopo ya tsone mo go yone, ba ka tsenya CV ya bone mo inthaneteng, go latedisa dikopotiro tsa bone, go bona ditiro ka imeili le go dirisa didirisiwa tsa go batla tiro ka inthanete.

Dikokoano Tsa go Tlhabana Botlhale: Mo dikokoanong tseno tsa go tlhabana botlhale, baithuti ba tla thusiwa ka ditlhopha tse dinnye ka bokgoni jwa go batla tiro, gore ba dire go tlala seatla fa ba botsolodiwa, go kwala CV ya seporofešenale le go tshwanelega mo go tsa ditšhelete.

Go sekaseka Lenaane la dithutego: Lefelo la Mekgele ya Tiro le naya baithuti ka bongwe dipeelanonako go ba thusa ka lenaane la bone la dithutego. Ikgolaganye le motlhankedi wa dipuisano le khampase go beelana nako le ene.

Dipontsho le ditiragalo tsa mekgele ya tiro: Lefelo la Mekgele ya Tiro le leka go tlhofofatsad dikgolagano fa gare ga baithuti le bathapi. Go nna teng kwa dipontshong tsa mekgele ya tiro, go reetsa dipuo tsa bathapi, diporomoušene le mananeo a mangwe a tshedimosetso a go kopana le mothapi wa gago yo moša.

Dipotsolotso: Mafelo a go tshwarela dipotsolotso a tla nna gone kwa bathapi ba ka kgonang go tshwara dipotsolotso gone le baithuti mo khampaseng.

Boela morago kwa godimo

Ga o itse gore o ithute eng

Khamphase ya Mafikeng:  +27 (0) 18 389 2240.
Khamphase ya Potchefstroom:  +27 (0) 18 299 2891 to make an appointment for psychometric testing.
Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa:  +27 (0) 16 910 3192 to make an appointment for psychometric testing.

Dithuto le dikhoso:

Khamphase ya Mafikeng:  +27 (0) 18 389 2252
Khamphase ya Potchefstroom:  +27 (0) 18 299 2458; +27 (0) 18 299 2762.
Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa:  +27 (0) 16 910 3111.
 

Updated by Alta van den Berg on 27 July 2010.