
Mop Martin Oosthuizen o tlhomilwe go nna leloko la HEQC
Ofisi ya Setheo - Mop Martin Oosthuizen, yo e leng Mothusa Motlatsamokhanseliri wa YBB wa: Go Ruta le Go Ithuta o tlhomilwe go nna leloko la Komiti ya Boleng Jwa Thuto e e Kwa Godimo kgotsa Higher Education Quality Committee (HEQC) ya Lekgotla la Thutogodimo kgotsa Council on Higher Education (CHE).
Go ya ka Molao wa Thutogodimo, HEQC ke komiti ya leruri ya CHE mme e na le boikarabelo jwa semolao jwa go dira tiro ya tlhomamiso ka tsa boleng le thotloetsa ka tsa boleng mo setheong sa Aforika Borwa sa thutogodimo.
Mop Martin a re o motlotlo e bile o lebile pele go nna leloko la HEQC, segolobogolo ka e mekamekana le dikgwetlho tse di botlhokwa tse di amanang le karolo ya bobedi ya go sekaseka setheo, le go tlhama thulaganyo ya go tlhoma ditekanyetso mo Thulaganyong ya go Tshwanelegela Thutogodimo.
O dumela gore go nna ga gagwe le seabe mo HEQC go tla mo thusa go dira gore YBB e nne yunibesiti e e dirang gore baithuti ba nne le maitemogelo a go ithuta le go nna e e ngaparelang mekgwa e e siameng go e gaisa yotlhe ya go dira tiro malebana le boleng jwa ditiro tsa yone tsa konokono tsa thuto le ditirelo tsa kemonokeng.
Go tlhomiwa ga ga Mop Martin e tla nna ga lobaka lwa 1 Moranang 2012 – 30 Mopitlwe 2015.
Mop Martin Oosthuizen


