
LEGORO LA KGWEBO LE BOTSAMAISI
Ka ga Rona
Molaetsa wa Modini
Legoro le ruta ka mananeo a a farologaneng fela thata, a pele ga kalogo le morago ga kalogo, go ruta batho go nna baeteledipele ba kgwebo ba ba tla tsenyang ikonomi ya Aforika Borwa le ya lefatshe lotlhe boleng jo bo tshwanelang ditheo tsa puso le tsa poraefete.
Badiri ba maemo a a kwa godimo mmogo le dikago tsa Legoro di re letla go tlamela baithuti ba rona ka thuto le katiso tsa boleng jo bo kwa godimo mo maitekong a rona a go tlhagisa baeteledipele ba ba solegelang ba bangwe molemo.
Legoro le leka go direla baithuti ba rona tirelo ya maemo a a kwa godimo ya badirelwa-ditirelo go tokafatsa maitemogelo a bone a go ithuta le go tsaya loeto lwa go ya kalogong.
Legoro la rona le lebile pele go amogela baithuti ba baša le go tswelela ka maiteko a rona a maemo a a kwa godimo a go tlamela ka mananeo a a maleba a go tlamela intaseteri le kgwebo ka ditlhoko tsa tsone.
Re lebogela go bo o etetse webosaete ya rona mme o se ka wa etsaetsega go ikgolaganya le rona fa o tlhoka tshedimosetso e nngwe gape.
Prof Sonia Swanepoel
Executive Dean
Faculty of Commerce and Administration


