Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

Go Maketa le Tsa Tlhaeletsano Leina la tirelo ya kemonokeng

Dikamano le Baagi

Lefapha la Go Maketa le la Tsa Tlhaeletsano le na le seabe mo ditiragalong tse di farologaneng tse go maketwang baithuti mo go tsone. Lefapha leno le thusa ditiragalo tse di farologaneng tsa metshameko ka madi, go akaretsa le tsa dikgaisano tsa diatleletiki kwa Bokone-Bophirima, Kapa Borwa le Gauteng. Gape, Yunibesiti e tshwara dikgaisano di le tharo tsa metshameko, e leng Kgaisano e e tumileng, dikgaisano tsa diporofense le Puk 16 ya rugby, bolotloa ya basetsana le hockey ya dikolo tse dinnye, tsa bogareng le tse dikgolo.

Letsatsi la ngwaga le ngwaga la Go Lalediwa ga Baagi Botlhe la Motsheganong 1 le feditse dingwaga di le dintsi e le tiragalo e e botlhokwa go moithuti mongwe le mongwe wa materiki e bile ke tiragalo e ope a sa tshwanelang go e fosa. Gape go nna le malatsi mangwe a a farologaneng ao ka one magoro a maketang dikhoso tsa one tse rileng, jaaka Bobalamatlotlo, Boenjenere le Mmetshe wa Kgwebo le Ditharabololo Tsa Kgwebo.

Go bona tshedimosetso go ya pele, ikgolaganye le Hannatjie Visagie mo nomoreng ya 018 299 2766.