
Go Maketa le Tsa Tlhaeletsano Leina la tirelo ya kemonokeng
Leina le Batsamaisi ba Itiretseng Lone
YBB ya PUK ke yunibesiti e e gagamalelang tiro ya maemo a a kwa godimo ya go ruta le go ithuta le go dira patlisiso. Le fa go ntse jalo, gore Yunibesiti e kgone go fitlhelela seno, go botlhokwa gore e tswelele pele go sekaseka leina le e itiretseng lone go tlhomamisa gore tshedimosetso e e boammaaruri e newa badiri, metswedi ya dikgang, baithuti, baeteledipele ba kgwebo, baagi le barutegi. Leina le le siameng le dira gore e ikanngwe le go tshepiwa e bile le botlhokwa gore e tle e kgone go ngokela baithuti ba ba gaisang botlhe le babatlisisi mo khamphaseng.
Go bona tshedimosetso go ya pele, ikgolaganye le Winton Windell mo nomoreng ya 018 299 2562.
Puisano mo teng ga setlamo
Puisano le baithuti le badiri ke nngwe ya ditiro tsa konokono e e tla dirang gore go nne le moya o montle mo gare ga baithuti le badiri. Ka jalo go botlhokwa gore ba itsisiwe ka dinako tsotlhe ka ga se se diregang mo khamphaseng le ka kwa ntle ga yone le gore go fitlheletswe eng. Khamphase ya Puk e na le lekwalo la eleketeroniki le le gatisiwang beke le beke le mo go lone go tlotlwang ka dikgang le tshedimosetso ka ga khamphase.
Go bona tshedimosetso go ya pele, ikgolaganye le Johan van Zyl mo nomoreng ya 018 299 2382.


