
Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa - Go Maketa le tsa Tlhaeletsano
Mafoko a kamogelo a mokaedi
Re a go amogela mo webosaeteng ya Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB Lekwa) ya Lefapha la Go Maketa le Tsa Tlhaeletsano (Marketing and Communication MAC). YBB ke nngwe ya diyunibesiti tse di tlhomologileng thata e mang le mang a batlang go e tsenaw mo Aforika Borwa.
YBB ya Lekwa, ke nngwe ya dikhamphase tse tharo tsa YBB e e leng mo boemong jo bo e tshwanelang sentle fa dintshing tsa Noka ya Vaal mo Porofenseg ya Gauteng. Lefelo le le ritibetseng e bile e le le le tumileng le le itsegeng thata la tlhago le “legae le lengwe gape la gago” le le sireletsegileng le le tlamelang bathuti ka tikologo e e siametseng go ithuta.
Rona jaaka lefapha la tirelo re go laletsa go re etela mo khamphaseng ya rona e ntle.Re mo Moagong 24 wa Tsamaiso le Moago 25. Mogala: 016 910 3111.


