
Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa - Ctrans
Ka ga rona
Badiri ka puo ba seporofešebnale, thekenoloji ya bošeng ya go ranola le dilo di le mmalwa tse di kgatlhang tse di lebeletsweng mo isagweng— CTrans e na le tsone tsotlhe. A o ne o se kitla o ikutlwa botoka go itse gore mathata a gago a puo a ne a tla rarabololwa ka bonako, ka tsela e e nang le matswela le ka mokgwa o o botsalano, a rarabololwa ke kgwebo e e ileng ya gola go tswa go go nna kgwebo e e katisang badiri mo teng ga setheo go fitlha e nna kgwebo ya boditšhabatšhaba
Tseno ke ditirelo tse diša tsa puo tse di tla go tlisetsang diphetogo tse di seng kana ka sepe. Go fetolwa ga leina la rona go tswa go BABEL go ya go CTrans (Centre for Translation and Professional Language Services) go bontsha kgatelopele ya rona e e boitshegang le diphetogo tse re di dirileng le boikutlo jwa rona jwa go dira dilo ka tsela ya seporofešenale. Re dirisa badiri ka puo ba ba neilweng tetlelelo-semmuso le baranodi ba ba ikanisitsweng e bile re dira ka dipuo di le mmalwa tsa Se-Aforika, Seesemane, Aforikanse le dipuo tsa kwa Yuropa.
CTrans e tswelela pele go atologa e bile dithulaganyo tsa rona tsa isagwe di akaretsa go tlhomiwa ga senthara ya go ranola ka dilo tse di kgonang go bonwa le go reediwa e mo go yone go ranolwa ga mafoko mo sekerineng le ditlhaloso tse di reeditsweng e leng tse di tla dirwang ka tsela ya seporofešenale, senthara ya botseleganyi ya tsa thuto le go atolosetsa pele senthara ya rona e e katisetsang puo gore go tlamelwe ka dilo tse di tlhokegang mo intasetering tse di ša le tse di leng gone.
Tiragalo nngwe ya bošeng thata mo go tsa CTrans ke go tlhomiwa ga senthara ya sedirisiwa sa go ranola thanolo ya setegeniki se se dirilweng ke seithuti sa boditšhabatšhaba, e leng Moporofesa Brian Careless, gore se dirisiwe ke babatlisisi, baithuti le badiri ka puo ba ba iperekang.


