
Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa - Ctrans
Ditirelo
Ka go dirwa ga diphetogo le tsosoloso CTrans ke setlamo sa ditirelo tsa puo se se tlhomang sekao se se molemo mo intasetering. Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, CTrans e ile ya fetoga go nna setlamo se ditirelo tsa maemo a a kwa godimo tsa puo se se tlamelang ka ditirelo tse di latelang:
-
Ditirelo tsa seporofešenale, tsa boleng jo bo kwa godimo (thanolo, go tseleganya le go kwalwa ga dikhopi).
-
Go ranola mafoko mo sekerineng
-
Dikhoso tse di khutshwane tsa ditiro tse di farologaneng go akaretsa le go ranolwa ga mafoko mo sekerineng, dipatlisiso ka difilimi, thanolo, thanolo ka thuso ya dilo tse re kgonang go di utlwa le go bona, kgatiso ya desekethopo le dikhoso tse dingwe tse di tlhamilwang ka ntlha ya kopo e e neng ya dirwa ke badirisi ba ba rileng gore di nne gone.


