
Kgala 1 ya porojeke ya go bopa sešwa wepe e feditswe!
Kgala ya ntlha ya porojeke ya go bopa sešwa wepe e feditswe mme go re itumedisa thata go le amogela ka mo tsebeng ya tshimolo
Kgala ya 1 e go itsisa tsebe ya tshimologo le tempoleiti ya wepe ya html. Tebego le pono ya yone di tsamaisana le letshwaokgwebo la YBB, mme seno se godisa leina la YBB.
Go tokafatsa bomotlhofo mo badirising, Kgala ya 1 e tlhoma mogopolo ka mo go kgethegileng mo go openg kgomo lonaka le go nna maleba ga diteng tse di tlhophilweng tse di tsentsweng mo karolong eno, tse gantsi di akaretsang diteng tsa thulaganyo le tsa semmuso, ka sekai tshedimosetso ka Yunibesiti, mmogo le magoro a le mararo a a tlhophilweng – Molao ka mo Khamphaseng ya Mafikeng, Boenjineri mo Potchefstroom le Disaense tsa Botho kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa.
Kgala ya 1 e tlhoma mogopolo segolobogolo go diteng mme e dira jaaka serweboleta se go tswa mo go sone re ka tswelelang go aga lefelo la wepe le le dirang sentle la YBB. Go fitlha diteng tsothe di sena go tlhabololwa, badirisi le bagatisi ba tla tswelela pele ba ntse ba bona diteng tse di leng teng tsa ka gale gone jaanong.
Kgala e e latelang ya tlhabololo e setse e logelwa maano mme tshedimosetso ka ga kgala e e tloga e latela.
Tobetsa fa go lebelela bidio ka ga kgala
Setlhopha se segolo sa tlhomelo - go tswa mo molemeng ke mor Cobus Steenkamp moh Géna Thompson le moh Gloria Edwards – ba eme sentle go diragatsa !


