Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA TEMOTHUO, SAENSE LE THEKENOLOJI
Sekolo sa Disaense Tsa Temothuo

Ka ga rona

Sekolo seno ke sa dirutwa di le tharo, ditheo di le pedi le polasi ya go dira ditekeletso. Dirutwa tseno ke Saense ya Diphologolo, Saense ya Dijalo le Ikonomi ya Temothuo & Katoloso.

Disenthara tseno ke Senthara ya Dithuto Tsa Boitekanelo Jwa Diphologolo (CAHS) le Senthara ya KgweboTemo le Katisetso Kgwebo (CAET). Ofisi ya sekolo le Senthara ya KgweboTemo le Katisetso Kgwebo di kwa Molelwane campus, dikilometara di ka nna 7 go tswa kwa khampaseng. Senthara ya Dithuto Tsa Boitekanelo Jwa Diphologolo e kwa khampaseng e kgolo. Sekolo se na le badiri ba ka nna 69 fa ba feletse.

Senthara ya KgweboTemo e ruta balemirui ba ba sa ntseng ba fatlhoga dikhoso tse di khutshwane, katiso ya batlhankedi ba katoloso, le kgwebo epe e nngwe ya konteraka jaaka ya tshekatsheko ya setsha le dipatlisiso tsa go bona gore a setsha se ka kgona go nnwa gape.

Patlisiso ya konokono mo sekolong ke ya Boitekanelo Jwa Diphologolo, e e lejwang e le nngwe ya tse di botlhokwa mo Khampaseng ya Mafikeng. Dikarolopotlana di akaretsa boitekanelo jwa diphologolo mo setšhabeng, dikotla tse di newang diphologolo, thutatshelo ya ditshedinyana tse dinnye tsa dimmolekhule le thutatšhefu.