
LEGORO LA KGWEBO LE BOTSAMAISI
Sekolo sa Didikerii tsa Puso le Boeteledipele
Ka Ga Rona
Sekolo sa Kalogo sa Kgwebo le Boeteledipele Jwa Puso di nnile teng ka ntlha ya matsholo a Lefapha la Tlhabololo la Pusoselegae le Matlo e le karolo ya porojeke ya boditšhabatšhaba ya bogakolodi ya Lefapha la UK la Tlhabololo ya go dira gore batho ba nne le bokgoni mo tirong kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima. Ka porojeke eno, tumalano ya tirisanommogo e mo go yone go tlhomilweng mogopolo mo go tlhameng le mo go tsenyeng tirisong Lenaneo la Masetara wa Botsamaisi Jwa Kgwebo (Master of Business Administration MBA) le Masetara wa Botsamaisi Jwa Setšhaba (Public Administration MPA) e ne ya saeniwa ke Yunibesiti ya Liverpool (UK) le e ka nako eo e neng e le Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (e kwa tshimologong e neng e laolwa ke Lefapha la Botsamaisi Jwa Setšhaba mo Legorong la Kgwebo le Botsamaisi).
Go amogelwa ga ntlha ga baithuti ba morago ga kalogo ba MBA / MPA e ne e le ka 1998, le ba Dipoloma ya Bolaodi ya Morago ga Kalogo ka 2000. Yuniti e ne ya nna karolo ya Sekolo sa Kalogo morago ga e sena go tlhongwa ka Motsheganong 2000. Fa e sa le e sena go tlhongwa, mananeo a Morago ga Kalogo a Lefapha a ne a tswelela pele a gola, mme dipalo tsa baithuti ba ba amogelwang le palo ya baithuti ba ba neng ba tsamaya fa ba sena go aloga di ne di oketsega ngwaga le ngwaga.


