Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

DITIRELO TSA KEMONOKENG KA MADI

O a Amogelwa

O a Amogelwa go Ditirelo Tsa Kemonokeng ka Madi (FSS)

 

Boikaelelo jwa sekema sa basari le kadimo ya madi sa Khampase ya Pothefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) ke go tlamela baithuti ka thuso ya madi thata ka moo go ka kgonegang ka gone (ka go latela dikaelo) ba ba eletsang go nna le seabe ka tlhagafalo mo go tlhameng maikutlo a a siameng a a tlhotlheletsang mo yunibesiting ka thutego ya bone, -, boeteledipele-, diatshe le setso mmogo le diphitlhelelo mo metshamekong. Ela tlhoko gore, kwantle ga go ntsha kitsiso go sa le gale, yunibesiti e na le tshwanelo ya go fetola ditlhokego le mabaka a tumalano ape, ditlhatlhwa mmogo le gore madi a newa bomang go ya ka tumelelo e e dirilweng ke Komiti ya Dibasari le Kadimo ya Madi.

Tsweetswee ikgolaganye le rona kwa FSS. Tlhogo ya lefapha la rona le badiri ka ene ba tla araba dipotso tsotlhe tsa gago ka bopelonomi. Pholisi ya rona e dira mo baithuting botlhe ka tekatekano