
TIRELO LE THULAGANYO YA TLHABOLOLO YA DIKAGO LE TIKOLOGO
Maikemisetso le Maikaelelo
Tirelo le Thulaganyo ya Tlhabololo ya Dikago le Tikologo mmogo le Ditirelo Tsa Setegeniki di ema nokeng maikemisetso le maikaelelo a Yunibesiti ka go tlhomamisa gore dikago le tikologo yotlhe ya tsone di a tokafadiwa, di a tlhabololwa kgotsa di tlhokomelwa go ya bokgakaleng jwa gore tiro ya konokono ya Yunibesiti e dirwe ka katlego. <
Tirelo eno e akaretsa: dikago le didirisiwa tsotlhe tse di leng mo go tsone, mabala le ditshingwana, diphaephe tse di tlamelang ka metsi, mafaratlhatlha a a tlamelang ka motlakase, mesele e e tsamaisang leswe la matlwana a boithomelo le mafelo a metsi a dipula tsa matlakadibe a elelelang mo go tsone, ditsela le mafelo a go phaka dikoloi mmogo le dikago tsa metshameko le tsa boitlosobodutu.


