
HO NNA LE SEABE GA BAAGI
Terasete ya YBB ya Tlhabololo ya Loago
Terasete ya YBB ya Tlhabololo ya Loago e ne ya simolola go dira ka Seetebosigo 2009 mme ke yone e tlhophang diporojeke tse di tlhokang go tlamelwa ka madi, go okamela go laolwa ba diporojeke le go baya leitlho diphelelo tsa diporojeke mo baaging ka kakaretso. Terasete ga se ya setlamo se se dirang porofete sa diporojeke tsa mo baaging. E laolwa ke boto ya batlhokomedi ba letlole e maloko a yone e leng bana-le-seabe ba ba tswang mo teng ga setheo le kwa ntle le moela-dilo-tlhoko go tswa kwa khampaseng nngwe le nngwe ya YBB.
Go na le tsamaiso e e tlhomilweng e e itsegeng thata ya mo teng ga setheo le kwa ntle ga tsone ya boruni, e mo go yone go dirwang tiro ya go laola tsela e madi a letlole a diporojeke a dirisiwang ka yone. Madi otlhe a dirisediwa diporojeke le ditiro tsa mo baaging, kwantle ga a tuediso ya botsamaisi.
Maloko a gone jaanong a Boto ya Batlhokomedi ba Letlole ke: Porofesa Frik van Niekerk (Mokaedi-Khuduthamaga wa: Patlisiso le Mokgwa o moa wa go dira dilo, YBB); Mohumagaid Beatrix Bouwman (Mmenejara wa: Go Nna le Seabe ga Baagi); Mohumagadi Reanna Rossouw (Bagakolodi ba Kokomana e e Tlangs); Rre Lambert Van der Nest (Mokhuduthamaga-Mogolo wa: Frazer Alexander); Ngaka A Herbst (Rasaense wa Loago, Khampase ya Potchefstroom); Porofesa Piet Prinsloo (Moreketoro wa Khampase ya: YBB ya Khutlotharo ya Lekwa) le Mohumagadi Goitsemang Constance Legodi (Motlhankedi wa Tsa Tlhaeletsano le Baagi , YBB) Phatlatiro ya moemedi wa Lekgotla la Yunibesiti ga e ise e tladiwe.


