
HO NNA LE SEABE GA BAAGI
Ofisi ya go nna le seabe ga baagi
Boikaelelo jwa Ofisi ya Go Nna le Seabe ga Baagi ke jo bo latelang:
• Go tlhomamisa go lolamisiwa ga diporojek tsotlhe tsa go nna le seabe ga baagi ka maikemisetso le maikaelelo a YBB.
• Go tlhoma YBB jaaka setlamo sa CSI se batho ba se itlhophelang ka go
- Go thusa ditlamo tsa kgwebo go rulaganyetsa dithulaganyo tse di tsayang lobaka lo lo leele lwa go dira dipeeletso tse di tshwarelelang tsa kgwebo. Go tlhomilwe mogopolo mo molaong wa o Matlafadiwa ga Bantsho Seikonomi mo go Akaretsang Bontsi mme segolobogolo molao o o ntshitsweng wa gore dikhampani di ntsetse CSI 1%.
- Go thusa ditlhopha tsa baagi go tokafatsa dikgono tsa bone, mekgwa ya bone ya botshelo le tikologo mo baaging gore ba kgone go tlhotlheletsa borakgwebo mo loagong go nna le diphelelo tse di molemo mo go tsa ikonomi mo kgaolong le mo sethabeng sotlhe.
• Go rotloetsa, go tlhofofatsa le go okamela diporojeke tse di maleba mo baaging tse maloko a YBB a di direlang yunibesiti.
• Go thusa ka go bopa tirisanommogo fa gare ga bana-le-seabe botlhe le go tlhofofatsa go tsenngwa tirisong ga bokgoni jwa mafapha a a nang le ditshwanelo tsa tlhamo-sea mo teng ga YBB.
Dilo tse ofisi eno e batlang go di dira kwantle ga setheo ke:
• Go atolosa go tsenngwa tirisong ga bokgoni, mo dilong tsa kgwebo le mo baaging, go solegela porofense molemo, naga, kgaolo ya SADC, kontinente mme kgabagare, lefatshe lotlhe.
• Go tlhomamisa gore go nna le dikamano tse di siameng fa gare ga go nna le seabe ga baagi mo baaging ba YBB e leng mo go bone le YBB ka boyone.
• Go tlhofofatsa le go tshwara ditherisano le puso le ditheo tsa poraefete ka ga go tlamelwa ka madi ga diporojeke tsa go nna le seabe ga baagi ka go dirisana mmogo le Ofisi ya Setheo ya YBB ya Kgatelopele ya Kgwebo le Tlhabololo ya Yone.
• Go rulaganyetswa go tshwarwa ga Kokoano ya Tirisanommogo e e Tswelelang Pele mo go tsa Tlhabololo (Forum for Continuous Collaboration in Development FCCD), Boikaelelo jwa kokoano eno ke go tsweledisetsa pele go tlhaloganyana le tirisanommogo fa gare ga batsayakarolo botlhe ba YBB le ba ba leng kwa ntle ga setheo ba re golaganeng le bone mo teng ga kgaolo le kgaolopotlana, gore e nne le mosola o mogolo.
Dilo tse ofisi eno e batlang go di dira mo teng ga setheo ke:
• Go tlhoma diporojeke tse di maleba tsa go nna le seabe ga baagi.
• Go tlamela ka thulaganyo ya go tsenya diporojeke tseno tirisong ka go di tlhoma jaaka karolo ya tiro ya konokono ya YBB (ke gore, go tsenngwa tirisong ga bokgoni jo re nang le jone).
• Go gatisa bukana ngwaga le ngwaga e e sobokanyang diporojeke tsotlhe tsa go nna le seabe ga baagi tsa YBB le dikhampase tse di farologaneng tsa yone.
• Go thusa bommenejara ba ba okametseng mafapha go laola diporojeke tsa go nna le seabe ga baagi e le karolo ya ditumalano tsa badiri tsa go bona tiro e e dirwang ke motho ka bongwe.
• Go thusa bommenejara ba ba okametseng mafapha go tlhomamisa gore YBB e tsenya tirisong ka katlego dithulaganyo tsa go ithuta o ntse o le mo tirong mo baaging.
• Go batlisisa le go tlhama ditsela tse di kgethegileng tsa go lekanya diphelelo tsa diporojeke tsa go nna le seabe ga baagi.
• Go sekaseka boleng jwa tsamaiso ya bolaodi le dtithulaganyo tsa teng, go tlhoamisa gore diporojeke di laolwa ka tsela e e nang le maikarabelo malebana le boleng, go diragadiwa ga tsone, ditshenyegelo tsa tsone, go tswelelapele ga tsone, go nna di beilwe leitlho le go newa maduo ga tsone.


