
GO NNA LE SEABE GA BAAGI
Ka ga rona
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ke karolo ya konokono ya baagi ba lefelo le e leng mo go lone. Re leka go ama porofense ya Bokone Bophirima ka tsela e e molemo mmogo le baagi ba yone ka ditsela tse di farologaneng. Seno se akaretsa go ithaopela go dira diporojeke mo baaging ba lefelo le yunibesiti e leng mo go lone, go thua ka ditshwetso tse di dirwang ke ditlamo, tse di amang baagi le go dira patlisiso e e fetolang matshelo a batho. Re dira gaufi thata le makgotla-toropo le ditlamo tse dingwe go bona gore re ka thusa jang gore botlhe ba nne le botsogo jo bo siameng.
Re inaakanya le batho ba bantsi ba ba farologaneng le mekgatlho mo Mafikeng, Potchefstroom le kwa Khutlongtharo ya Lekwa, le mo kgaolong, mo nageng yotlhe le kwa dinageng di sele. Dilo tse re di dirang di akarets adikolo, puso le ditlhopha tse di re kgatlhang ka tsela e e kgethegileng.
Go nna le seabe ga baagi go tlhalosiwa e le ditiro tsa tlhabololo mo baaging tse badiri le baithuti ba Yunibesiti ba di dirang go tokafatsa seemo sa ditheo tse di tlhokang tsa batho mo sethabeng le/kgotsa batho ka bongwe. Le fa gone ka dinako tse dingwe yunibesiti e dira matsholo a go koleka madi gore e thuse go duelela ditiro, kgotsa le fa e duedisa dituediso tse di kwa tlase tsa go duelela ditshenyegelo tsa ka tlhamalalo tsa porojeke, ga e gwebe ka ditiro tse di dirwang ke baagi fa ba nna le seabe mo diporojekeng tseno. Ka mafoko a mangwe, YBB ga e leke go dira porofete ka madi a baagi ba ba nnang le seabe mo ditirong tseno.
Ditiro tsa bone di akaretsa:
* Tirelosethaba, jaaka Tikatikwe ya Saense, diporojeke tsa HIV/AIDS, RAG ya Bathuti, ditliliniki tsa Molao le diporojeke tse dintsi tse di amanang le go dira patlisiso.
* Ditiro tsa tlhabololo malebana le go ngokela batho tirong, jaaka ya Saense, Boenjenere le dibeke tsa metshameko, mmogo le ditiro tsa setso.
* Ditirelo tsa seporofeenale tsa bogakolodi, tse di akaretsang patlisiso le kgakololo ya seporofeenale e e newang puso ya selegae, ya porofense le ya bosethaba.
* Ditiro tse di thusitsweng ka madi tsa tlhabololo, tse di akaretsang go katisetsa baithuti ba ba ithutelang booki go dira ditekeletso, bodirelo-loago, go ruta jalo le jalo.
Lenaanethalo le le fa tlase le tlhagisa palo ya diporojeke tsa setlhopha sengwe le sengwe.
|
Mofuta wa tiro |
|
|
Diporojeke tsa tirelosethaba |
118 |
|
Ditiro tsa tlhabololo |
10 |
|
Ditirelo tsa bomankge tsa bogakolodi |
63 |
|
Ditiro tsa tlhabololo tsa go ngokela batho tirong |
22 |
|
|
213 |
*Molaetsa wa Mokaedi wa Setheo: Go Nna le Seabe ga Baagi
Gore re diragatse maikarabelo a re a rwesitsweng, rotlhe re tlhoka go gola semoyeng mme kgolo eno e ka direga fa fela re re ntsha bojotlhe jwa rona. Diyunibesiti di na le tlhotlheletso e e nonofileng e bile ke tsone baeteledipele ba ba tlisang diphetogo mo sethabeng. Jaaka fa Rre Mandela a kile a bua: “Thuto ke sebetsa se se nonfileng go di gaisa tsotlhe se o ka se dirisang go fetola lefatshe."
Selo se Ofisi ya Go Nna le Seabe le Baagi e tshwenyegang thata ka sone ke go thusa sethaba sa rona ka go rotloetsa, go se tlhabololo le go ema nokeng. Re thusa baagi ba rona ka ditsela tse di dirang gore ba re ikanye e bile re naya batho le mekgatlho tsholofelo ya go tla mo go ronafa ba tlhoka thuso.
Go solegela batho molemo ga se fela go ba direla ditiro tse di molemo; ke kgang ya go dirisa bokgoni jwa rona ka mokgwa o moa wa go dira dilo gore dilo di tokafale ka tsela e e gatelang pele mo sethabeng. Fa re dirisa ditsompelo tsa rona, re dirisa mokgwa wa go rotloetsa go rutwa ga dirutwa tse di sa tshwaneng tse di tswakaneng. Gape re solofela gore re tla tswelela pele go atolosa maiteko a rona mo Aforika Borwa le mo kgaolong - mme re solegele batho molemo ka go diragatsa maikarabelo a re a rwesitsweng le go bontsha botlhe kutlwelobotlhoko, tlotlo le go ba naya kitso.
Ofisi ya Go Nna le Seabe ga Baagi e lebogela thata thuso nngwe le nngwe go tla go fitlha jaanong. Re rotloetsa badiri ka rona le ba ba ntseng ba re thusa go ikgolaganya le rona ka tiro epe ela ya go nna le seabe ga baagi gore re nne mmogo mo go tlhomamiseng gore YBB e nna setlamo se batho ba se tlhophang mo gare ga tse di nnang le seabe mo baaging.
Mohumagatsana Beatrix Bouwman
Mmenejara wa: Go Nna le Seabe ga Baagi


