
LEGORO LA TEMOTHUO, SAENSE LE THEKENOLOJI
Sekolo sa Disaense Tsa Temothuo
Disenthara/Ditheo
Senthara ya KgweboTemo le Katisetso Kgwebo (CAET)
Senthara ya Kgwebotemo le Katisetso ya Dikgono Tsa Kgwebo (CAEST) mo teng ga Sekolo sa Disaense Tsa Temothuo kwa Yunibesiting ya Bokone Bophirima (Khampase ya Mafikeng). Boikaelelo jwa senthara ke go tlamela badirelwa ka katiso le ditirelo mo go tsa temothuo, tlhabololo ya metseselegae le ka mathata a a amanang le tikologo. Mo godimo ga moo, senthara e tlamela ka mananeo a katiso a go bona ka fa mebara e tsibogang ka gone ka tsamaiso e e nang le matswela ya tlhomamisa ka tsa boleng le e e ikanyegang ya go thusa badirelwa, e bile e dira gore go kgonege go tshwara dipuisano tse di oketsegileng le tirisanommogo fa gare ga bagwebisani le mafapha a Puso a a jaaka dacerd, Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi le Bojanala, Tlhabololo ya Metseselegae le Tlhabololo ya Ditsha, di-NGO, Mekgatlho e e Emelang Balemirui, baagi le setšhaba ka kakaretso.
Ditiro tsa konokono tsa senthara di akaretsa: go ruta dikhoso tse di khutshwane, patlisiso le ditirelo tsa kgakololano le go bapatsa dikumo tsa dijo. Senthara e tlhoma thulaganyo ya tsamaiso ya botsamaisi ya boleng e e dirang dilo tumalanong le tiro e e dirwang ke YBB ya diporothokholo tsa tlhomamiso ka tsa boleng mme gape e tlamela baagi botlhe ka ditirelo tsa dikgakololo mo mafelong a temothuo, ka dirutwa tsa tlhabololo ya metselesegae mo tikologong. Go tlamelwa ka ditirelo tse dintsi tse di farologaneng mme ga di feleletse fela ka tsa go dira patlisiso, dithulaganyetso tsa go dirwa ga patlisiso le dithuto (Dipoeletso, tshekatsheko ya boleng jwa dipolasi, Go baya porojeke leitlho le ditirelo tsa tshekatsheko boleng tsa Tlhabololo ya SMME le dithulaganyo tsa kgwebo ya mo Polasing, dipatlisiso tsa go bona gore a seno se tla kgonega, dipatlisiso tsa ntlha, dipatlisiso tsa ntlha le ditirelo tsa bogakolodi), katiso ya motheo ya khomphiutha le go dira tiro-potlana e e saenetsweng konteraka go tswa go batlamela ka ditirelo.
Senthara ya Dithuto Tsa Boitekanelo Jwa Diphologolo (CAHS)


