Printer-friendly version
Gatisa
-A A +A
Bogolo     
Phetiso ya rss
Share this
Seabe / Karolelo

TSHEDIMOSETSO KA GA

 

Senthara ya Thekenoloji ya Mokwalo (CTexT®)
Patlisiso

Dilo tse go dirwang patlisiso ka tsone le Bokgoni

Ka 1 Seetebosigo 2004 CTexT® e ne ya tlhomiwa go nna yuniti e e sa direng porofete, e e ikemetseng ka nosi ya Yun ya Patlisiso: Puo le Puisokwalo mo Aforika Borwa mo Legorong la Botsweretshi kwa Yunibesiting ya Bokone-Bophirima (Khamphase ya Potchefstroom).

CTexT® ke sedirisiwa se ka sone Yuniti ya Patlisiso e itlhomang jaaka moeteledipele yo o botlhokwa thata mo go tsa Thekenoloji ya Puo ya Batho (Human Language Technology HLT) mo Aforika Borwa.

Senthara eno ya patlisiso le tlhabololo e kopanya bomankge mo go tsa patlisiso le kemonokeng e e botlhokwa ya setegeniki gore e dire patlisiso ya maemo a a kwa godimo ka thekenoloji ya mokwalo, le go e dirisetsa go tlhama dirweboletsa tsa thekenoloji tsa tlhamoseša. Gape, Senthara e tlhomamisa patlisiso mmogo le ditiro tsa tlhabololo ke tse di tshwarelelang lobaka lo lo leele, e leng karolo ya konokono ya go kgona go nna le bagwebisani ba ba botlhokwa ba intaseteri le kgwebo.