Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA TEMOTHUO, SAENSE LE THEKENOLOJI

Baalumni

Boikaelelo jwa Setlamo ke go dira gore baithuti ba nako e e fetileng mmogo le maloko a Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima a nne le keletso ya go itlhaola leYunibesiti ya bone, go rotloetsa kgatlhego le go tswelela ba na le yone ya go nna le seabe mo mererong ya setheo se ba kileng ba bo ba ithuta mo go sone, go rotloetsa gore ba nne le keletso ya go thusa ditlhabololo tsa Yunibesiti le go poromouta leina le yone le tsela e e lejwang ka yone.

Mekgele ya rona ke:
- Go dira gore Baithuti ba Maloba ba nne ba beilwe mo leseding ka dikgang tse di amanang le Yunibesiti.
- Go tlhomolola diphitlhelelo le tirelo e baithuti ba nako e e fetileng ba e direlang baagi.
- Go lemtsha baithuti ba maloba ka dilo tse di tlhokwang ke Yunibesiti le seabe se ba ka nnang le sone sa go tlamela ka ditlhoko tseo.
- Go dira gore baithuti ba maloba ba ikutlwe ba le karolo ya maloko a YBB gongwe le gongwe kwa ba tswang ba le gone.
- Go tlhoma Ditšhapotara Tsa Baithuti ba Maloba mo dikgaolong tsotlhe.

Ikgolaganye le Rona

Aterese ya poso:
Alumni Officer: Marketing & Communications
Mafikeng Campus
Private Bag X2046
MAFIKENG 2745, South Africa

Aterese ya tiro:
Alumni Office (Office 320)
2nd Floor,
Main Administration Building,
Cnr Albert Albert Luthuli & University Drive

Mogala:
018 389 2388

Imeili:
susan.vanrooyen@nwu.ac.za

Dimmepe le ditsela tsa go tla mo khamphaseng
 

 

 

Alumni of the NWU