Ke rona ba

Ako o ikakanye o tswaletswe golo gongwe mo sekhutlong le motho yo o go sotlang, go se kwa o ka iphitlhang gone. Seno ke se se diragaletseng basadi bangwe mo Aforikaborwa ngogola ka nako ya dibeke tse tharo tsa totlelelo ya Covid-19.

 

Mo go yone nako eo fela, senthara ya puso ya go lwantshiwa ga tirisodikgoka mo basading le polao ya basadi e ne ya rekota batswasetlhabelo ba le 120 000. Moragonyana mo ngwageng oo, tona ya mapodisi Bheki Cele o ne a dira kitsiso ya gore Aforikaborwa e ne e santse e le toropo ya dipetelelo go di feta tsotlhe mo lefatsheng, e leng se se neng se diragalela batho ba le 132 mo go bangwe le bangwe ba le 100 000.

 

YBB e tsenetse ntwa kgatlhanong le leroborobo leno le le garolang pelo. Re dule letsholotemoso ka tirisodikgoka mo basading le mathata a a amanang le yone ka ditiragalo di le thataro tse di simolotseng ka Moranang mme e tla tswelela go fitlha ka Diphalane. Tobetsa fano go buisa go ya pele go bona gore YBB e emelelana jang le tshotlo eno.

Go tsenela ntwa kgatlhanong le tirisodikgoka mo basading

Leba bidio go bona gore badiri le baithuti ba rona ba a reng ka tirisodikgoka mo basading.

-TSHEDIMOSETSO

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937, nelia.engelbrecht@nwu.ac.za