MOGARE WA KORONA

MOGARE WA KORONA

Mop Petra Bester, mokaedi wa Yuniti ya Aforika ya Dirutwa tse di Farologaneng ya Patlisiso ka Pholo (Africa Unit for Transdisciplinary Health Research [AUTHeR]) mo Khamphaseng ya Potchefstroom, a re totlelelo ya naga yotlhe e tliseditse porofense nako ya go ipaakanyetsa go runya ga mogare ono.

 

“Re dirisa nako e e botlhokwa thata eno ka katlego go dira gore porofense e nne mo boemong jo bo siameng,” a rialo, e bile o oketsa ka gore YBB e motlotlo go bo puso ya porofense e tsaya malebela mo bokgoning jo YBB e nang le jone.

 

Mo masimologong a kgwedi ya Moranang, NWDoH e ne ya kopa thuso mo setlhopheng seno.

 

Tiro ya ntlha ya setlhopha seno ke go lebela pele gore mogare o tlile go anama ka selekanyo se se kae mo porofenseng (ditebelelo pele tsa go anama ga leroborobo leno) gore puso ya porofense e kgone go romela didirisiwa gotlhe kwa di tla tlhokegang gone. Sa bobedi, ba tlhama sefalana-tshedimosetso se se dirisiwang ke botlhe go bona mafelo a matshwao a bolwetse a bonalang kwa go one gore go dirwe diteko kwa go one.

 

Maitemogelo a a jaaka go thubega ga Titanic

 

Porojeke eno e amile Petra fela thata. A re ditlamorago tse go bonalang di tlile go nna gone tsa leroborobo leno di ne di tshosa fela thata fa setlhopha se sena go dira diphopholetso tsa ntlha dibeke di le pedi morago ga totlelelo.

 

“Di ne di tsitsibanya mmele. Fa batho mo teng ga mmedia wa botsalano ba ne ba sa tseye mogare ono masisi, re ne re itse gore go bona ditshwantsho mo thelebišeneng tsa go fitlhwa ga baswi ka bontsi kwa dinageng tse dingwe go ne go ka nna ga direga le mo porofenseng ya rona.”

 

O a bitsa maitemogelo a a jaaka go thubega ga Titanic. “Sekepe se thubegile bokafatlase jwa sone mme se tsena metsi. Setlhopha sa rona sa namolo se dira se sa kgaotse go ntshetsa metsi kwa ntle, okhesetera e ntse e tshameka mme baeng ba ba sa lemogeng sepe bone ba tantsha mo phaposing ya bojelo. Tiragalo eno e amana le COVID-19.  Go tla bonala fa nako e ntse e tsamaya gore ditlamorago tsa mogare ono di tlile go nna dikgolo go le go kae, o tlile go anama ka lobelo lo lo kae le gore o tlile go bolaya batho ba le bantsi go le go kae.

 

Tiro ya ka natla ya setlhopha e dirile gore go simololwe letsholo mo baaging le le bidiwang Cobuntu (Cobuntu: go lwantsha leroborobo la COVID-19 ka Ubuntu).

 

Go laola maikutlo a rona ka dinako tse di thata

 

Go nna mongwe wa badiri ba ba di gogang kwa pele ga ga Petra mo go lwantsheng leroborobo leno go ka dira gore nako eno ya totlelelo e nne bodutu le go feta mo go ene, le fa a tshwaregile thata ka tiro.

 

“Maikatlapelo a mmele a a fetofetoga mme diura tsa ka gale tsa tiro le go dira go ya ka thulaganyo e e beilweng ga go tlhole go dira. Go tsenela sekolo ga bana mo gae le tiro ya mo gae le tsone di a ema.

 

Go gopola thuso e e botlhokwa e e dirwang ke setlhopha seno ke gone go dirang gore motho a rotloetsege go tswelela ka tiro “Ke ineetse gore ke thuse batho go fitlhelela bokgoni jwa bone ka botlalo gore rotlhe re kgone go itemogela pholo e e botoka."

 

A re fa a simolola go nyema mooko, o thusiwa ke go golagana le batho ba ba amegang thata ka ba bangwe.

 

Kgakololo e a e nayang badiri – segolobogolo basadi – ba ba tshwaregileng ka diporojeke tse di gwetlhang ke go fetofetoga le maemo le go dira dilo kgato ka kgato. “Ga go ope mo go rona yo e leng makgonatsotlhe, e bile ga go ope yo o lebeletseng seo mo go wena.”

 

Ka dinako tse dingwe go a thusa go sekaseka dilo pele ka kelotlhoko. “Sekaseka pele gore ke eng se se botlhokwa mme o boe gape o eteletse tsa botlhokwa kwa pele fa o na le tiro e ntsi thata mo godimo ga teseke ya gago. Lebana le boammaaruri jwa gore ke eng se se botlhokwa.

Ka tsela eno, ga a iteege tsebe fa a ntse a okametse setlhopha fa se ntse se tswelela pele go diragatsa seabe sa sone sa go lwantsha kgwetlho e kgolo eno e e tlhagetseng batho.

 

 

Babatlisisi ba yunibesiti ba tsenya letsogo go thusa fela thata ka go lwantsha leroborobo la COVID-19 kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima.

 

Eish! e ne ya buisana le Mop Petra Bester, yo o okamelang setlhopha se se dirang ka natla sa baakatemi ba YBB, babatlisisi le bomankge ba ba gakololang le go thusa Lefapha la Boitekanelo la Bokone Bophirima (North West Department of Health [NWDoH]) go ipaakanyetsa tlhatlogo ya mogare wa Covid-19.

Go buisa go ya pele ka thuso e YBB e e nayang NWDoH, sala digoke tseno morago:

Mop Bester a re o ipelela go dira dilo tse di motlhofo. “Ke lebogela Tshwaro ya Modimo, monna wa me le bomorwaake, metlae, le ditsala di le mmalwa tse di siameng, Beethoven, diratsuru tsa tshingwana ya me, matlhatshana a thaeme e e golang fa fensetereng ya me, setshwantsho se se takilweng sa bogologolo le ntša ya rona, Alfons. Se se itumedisang ka mo go kgethegileng ke go bona ka fa baithuti le badiri-ka-rona ba dirang kgatelopele ka gone mo tirong ya bone".

Mmatlisisi o bolotsa setlhopha kgatlhanong le

 

 

Setlhopha sa Mop Petra sa baitseanape

 

Setlhopha sa YBB sa bomankge ba dirutwa tsa mefuta e e farologaneng se akaretsa bomankge ba ba farologaneng.

 

Mo gare ga bone go na le ngaka e e leng mankge wa pholo mo setšhabeng (Mop Andrew Robinson), moithutatiro ya pelo (Mop Lanthé Kruger), mankge wa pholo wa didirisiwa tsa dijethale (Ngaka Herman Myburgh), radipalopalo wa diphelelo tse melemo ya kalafi e nnang le tsone mmeleng (Ngaka Cristian Ricci), moithuta-dijini le mankge wa tsa tsamaiso sentle (Mop Wayne Towers) le moithutamegare ya dimolekhule le kalafi ya megare eo (Mop Albie van Dijk).

 

Bomankge ba bangwe mo setlhopheng ke mofisika le modirisi wa khomphiutha go ithuta mararaane a mmetshe (Rre Bertie Seyffert), moithuta-megare mo tikologong (Ngaka Hazel Mufhandu), mankge wa tsamaiso-tshedimosetso (Rre Tertius Bester) le mong wa tsamaiso ya kgwebo (Ngaka Christi Niesing).

 

Mo godimo ga tirisanommogo ya bone le NWDoH, gape ba dira le banetetshi ba ba ithutang ka kanamo ya malwetse a leroborobo le kalafi ya one ba ba tswang kwa Setheong sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang le baemedi ba ba tswang kwa MezzanineWare, Britehouse (lephata la setlamo sa Dimension Data) le Microsoft South Africa.

 

 

GO TSHWARANA
KA DIATLA

THUSO E SIMOLOTSWE

Tobetsa mo go e nngwe le e nngwe ya didiko mo setshwantshong mo godimo go buisa go feta ka ditiro tsa Yuniti ya AUTHeR(Africa Unit for Transdisciplinary Health Research) mo Khamphaseng ya Potchefstroom.