Ke rona ba

 

“Leeto go ya lefelong le le sa itsiweng” ke tsela e Motlatsa-Mokanseliri e leng Mop Dan Kgwadi a tlhalosang ka yone leeto la go ruta le go ithuta ka tiriso ya inthanete le le simolotsweng ke YBB.

 

Fa YBB e sena go lekeletsa dilo ka nako ya go tlwaediwa mafulo ga baithuti ba basha, e ne ya simolola leeto leno la dithuto ka 4 Motsheganong, leo mo go lone badiri le baithuti ba neng ba nna le maitemogelo a a sa tshwaneng a go tsaya leeto leo, jaaka o bona seno mo athikeleng ya Vox pop article.

 

Fa Mop Dan Kgwadi a sena go lalediwa gore a nne teng mo go dingwe tsa ditlelase tse di tshwarwang ka inthanete, a re o tlhwatswegile pelo gore batlhatlheledi le baithuti botlhe ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba solegelwe molemo ke tiro ya go ruta le go ithuta e e dirwang ka inthanete, le gore go bonala sentle gore lenaanethuto leno le tla tlhagisa maungo a a molemo.

 

Go namola ngwaga wa dithuto

Mo bidiong eno, Mop Dan Kgwadi o bua ka go namola ngwaga wa dithuto ka lenaneothuto la go ithuta ka tiriso ya inthanete le go boela kwa khamphaseng ka thulaganyo ya go kopanya badiri le baithuti gape mo setheong.

-TSHEDIMOSETSO

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 260