Mo go Cornelle Leach, mothumi wa mogolofadi wa kwa YBB, 2019 ke ngwaga wa go ikgapela gauta, ka gonne o tokafaditse dinako tsa gagwe mo kgaisanong nngwe le nngwe e a tsayang karolo mo go yone.

 

O sa tswa go boa kwa dikgaisanong tsa Bommampodi tsa Lefatshe lotlhe tsa Go Thuma tsa 2019 Allianz kwa London, koo a tokafaditseng direkoto di le tharo tsa Aforikaborwa le tsa Aforika gone.

 

Pele ga moo, o ne a feleletsa a le mo gare ga ba ntlha ba le lesome mo kgaisanong ya Sasol Winter Swimming Championships.

 

“Ngwaga ono ke wa me,” go bolela jalo Cornelle (20), moithuti wa ngwaga wa bobedi yo o ithutelang BCom ya bojanala.

 

Mme go fetile nakonyana go sena tlhomamisego ya gore o tla tsenela dikgaisano tseo ka ntlha ya phosonyana e e diragetseng mo tirong ya tsamaiso mme a sa kwadisiwa ka nako go ya go tsaya karolo mo dikgaisanong tsa bommampodi kwa London.

 

“Ke ne ke kgobegile marapo ke ipotsa gore ke ka baakanya phoso eo jang. Morago ga beke ke ne ka amogela imeile e mpolelela gore ke tsentswe mo setlhopheng, le gore ke tlile go ya London!”

 

Cornelle le ntša ya gagwe e e mo kaelang

 

Cornelle le ntša ya gagwe e e mo kaelang, Vogue, ba bonwa gantsi mo khamphaseng ya Potchefstroom.

 

Le fa a na le dikgwedi di le robedi fela a na le ntša eno ya gagwe e e mo kaelang, ga a kgone go ipona a tshela kwantle ga Vogue.

 

Fa e ne e goroga ka Tlhakole ke ne ka tshwanelwa ke go dira diphetogo tse dikgolo. “E re ka ke ne ke ntse ke kgona go bonanyana ka nako eo, go ne go le thata go e ikanya gotlhelele fa re ne re ya golo gongwe. Mme re ne ra tlwaelana, jaanong ke e ikanya ka botshelo jwa me,” Cornelle o bolela jalo.

 

Fa a santse a gola

 

Cornelle o ne a fitlhelwa a na le Bolwetse jwa Stargardt, e leng bolwetse jo bo tsamayang ka losika jwa lethapono la matlho, fa a ne a le dingwaga di le robongwe. Bolwetse jono bo dira gore motho a latlhegelwe ke pono kgato ka kgato fa a santse a le ngwana.

 

O goletse kwa Lydenburg mme o tsene sekolo sa poraefete se deseke ya gagwe mo phaposiborutelong e leng e a neng a kgona go baya dilwana tsotlhe tsa gagwe tsa go ithuta mo go yone. Pono ya gagwe e ne ya senyegela pele fa a le mo Mophatong wa 11 le 12 mme a wetsa dithuto tsa gagwe kwa Sekolong sa Prinshof sa barutwana ba ba sa kgoneng go bona sentle kwa Pretoria.

 

Jaaka tlhapi mo metsing

 

“Ke ne ke dira Mophato wa 5 fa ke ne ke simolola motshameko wa go thuma.

 

“Ke ne ka lemoga gore ke ne ke se kitla ke tlhola ke kgona go tsaya karolo mo motshamekong wa setlhopha ka gonne ke ne ke sa kgone go bona bolo fa re tshameka bolotlowa le hokhi, le fa barutabana ba ne ba leka go ntlhofofaletsa dilo ka go dirisa dibolo tse di galotseng le dibesete tse di galotseng,” o tlhalosa jalo.

 

Mo ngwageng wa gagwe wa materiki o ne a tshwanelegela Dikgaisano tsa Lefatshe Lotlhe tsa Go Thuma ga Bagolofadi kwa Berlin, mme a se ka a ya ka gonne a ne a sa ikwadisa.

 

“Go ne go le thata tota. Ke ne ka ithontsha sengwe le sengwe dikgwedi di le thataro gore ke tshwanelegele. Ke ne ke tsoga ka 4 phakela ke bo ke ya robala morago ga bosigogare. Mme e ne ya re fa ke utlwa gore ke ne ke tshwanelega, mme ke se kitla ke kgona go ya, ka ngomoga pelo,” o bolela jalo.

 

Cornelle o ne a tlogela go thuma dikgwedi di le mmalwa gore a tlhome mogopolo mo dithutong tsa gagwe, mme a re o ne a kgobegile marapo tota. O ne a simolola go thuma gape fa a le moithuti wa ngwaga wa ntlha kwa YBB.

 

Go fenya dikgwetlho

 

Go bonala selo se se kgobang Cornelle marapo le go feta e le go sa kgone go buisa sentle. Dibukathuto tsotlhe tsa gagwe e tshwanetse go nna tse di gatisitsweng ka segatisamantswe mme fa di ise di nne gone, di tshwanetse go rekotiwa ka bonako.

 

Go ya mabenkeleng ke kgwetlho ka gonne ga a kgone go buisa tshedimosetso ya dileibole tsa dikumo tse di ntšha tse a ka ratang go ya go di leka. “Ke tshwanelwa ke gore ke tsamaye le mongwe ka metlha go ya mabenkeleng, mme seno e nna bothata ka dinako tse dingwe.”

 

Mme Cornelle o a itse gore dikgwetlho di nna teng gore motho a di fenye, mme o loga leano. Gone jaanong jaana, o tshwaragane le mokgele wa gagwe wa go ya go thuma kwa Dikgaisanong tsa Bagolofadi ka 2020.

Mothumi wa Mogolofadi Cornelle Leach ga a letle dikgoreletsi go mo ema pele e bile o iketleeleditse go tshwanelegela Dikgaisano tsa Bagolofadi tsa 2020.

 

Mo vidiong, motseleganyi wa metshameko Ettienne Rensburg wa Vaalweekblad o botsolotsa Cornelle Leach, yo jaanong a leng mongwe wa bathumi ba ntlha ba le lesome ba Dikgaisano tsa Bommampodi tsa Go Thuma tsa Sasol Winter. Fa e sa le vidio eno e rekotiwa, mathata a tsamaiso ao a buileng ka one a rarabolotswe jaanong, mme o letleletswe go ya go tsaya karolo kwa dikgaisano tsa bommampodi kwa London.

Mothumi wa mogolofadi Cornelle ga a tlhole a na le mathata a go thuma