Ke motsamaisi
motshegare, mme o rata

mmino

go tswa pelong

Fa Lesedi a se mo tirong, o gagamalela mokgele wa gagwe wa mmino.

 

Fa batho ba tlhalosa talente ya mmino ya ga Lesedi, ba dirisa mafoko a a jaaka “monate tota” e bile ba re o na le lentswe le le monate.

Fa e le gore mmino o otla mowa, Lesedi Makapela, motlhankedi-mogolo wa tsamaiso mo khamphaseng ya Mahikeng, o ela tlhoko gore ope a se tshware ke tlala.

 

Mpho e Lesedi, yo o belegetsweng kwa Taung mme a goletse kwa Sannieshof, a nang le yone ya mmino e ne ya lemogwa la ntlha ke mmaagwemogolo yo o neng a e godisa. Ke mpho e a e amogetseng mo batsading ba gagwe ka bobedi.

 

O ithutile ka boene go letsa katara

 

Fa a sena go wetsa materiki ya gagwe, Lesedi o ne a fudugela kwa Mahikeng ka 2010. Fa a fitlha koo, a simolola kgato ya bobedi ya go tshameka mmino ka go ithuta ka boene go letsa katara ka go leba dibidio tsa YouTube. Go ise go ye kae, ke fa a setse a gatisa mmino le diopedi tsa kwa Mahikeng.

 

Fa a sena go itshepa sentle mo talenteng ya gagwe ya mmino, Lesedi o ne a simolola go letsa mmino mo mafelong a kwa Mahikeng, mo manyalong le mo meletlong e e direlwang bommabana ba ba tlileng go belega mo Porofenseng ya Bokone Bophirima yotlhe.

 

Lekgetlo la ntlha la go o letsa fa pele ga boidiidi e ne e le kwa khamphaseng kwa Mahikeng kwa pikiniking ya Letsatsi la Valentine ka 2013. Fa e sa le ka nako eo, mokgele wa gagwe wa go nna motshameka mmino o ile wa tswelela pele go nonofa.

 

Fa a bodiwa gore o kgona jang go boloka tekatekano fa gare ga tiro ya gagwe jaaka motsamaisi le go rata mmino ga gagwe, Lesedi a re: “Ke rata tiro ya me mme ga se yone e tlang pele – ke tshwaragane le go dira alebamo ya mmino ga jaanong jaana.”

 

Go lootsa bokgoni jwa mo isagweng

 

Lesedi ga a kgotsofalele go nna motshameka mmino wa mono fela, o gabile go tshameka mmino le kwa dinageng di sele.

 

“Tshwaelo e ke kileng ka e amogela e e neng ya nkgothatsa fela thata e ne e le ya monna mongwe yo ke sa mo itseng yo o neng a nthaya a re ke namotse lenyalo la gagwe”, Lesedi o bolela jalo.

 

Ga se labofelo YBB e utlwa talente eno ya mmino wa ga Lesedi yo o rotloediwang ke Freshly Ground, Joan Armatrading, Tracy Chapman le ke Macy Grey.