BOMMAMPODI!

Ditsala,

re

Ga go pelaelo gore maloko a rona a badiri a kwa pele ga bao ba gaisanang le bone. Seno se ne sa bonala sentle fa YBB e ne e tsaya maemo a ntlha mo Kgaisanong ya Dikgato ya 2019 mme ya fenya diyunibesiti tse dingwe tse di neng di tsaya karolo.

Badiri ba YBB ba ne ba nna bommampodi ba Kgaisano ya Dikgato mo ngwageng ono ya “Healthy4Health” e diyunibesiti tse di farologaneng di ileng tsa gaisana mo go yone gore di rekote dikgato tse dintsi mo lobakeng lwa dibeke di le robedi. Go tswa mo molemang ke Louwna Kotze, Tamrin Veldsman, Corene Flemming, Santa van der Merwe, PD van Zyl and Antoinette Vosloo.

Yunbesiti ya Foreisetata e ne ya gwetlha YBB le diyunibesiti tse dingwe tsa Aforikaborwa go tla go gaisana le yone.

Ditlhopha di ka nna 42 go tswa go dikhamphase tsotlhe tse tharo tsa YBB di ne tsa tsenela kgaisano eno, mmogo le Kovsies, Maties, UCT le Tuks.

 

Palogotlhe ya ditlhopha di le 160, seo sengwe le sengwe sa tsone se nang le maloko a le mane, di ne tsa gaisana go bona gore ke setheo sefe se se neng se tla rekota dikgato tse dintsi go feta botlhe.

 

Go tokafatsa botsogo

 

Kgaisano eno e diretswe go dira gore badiri ba nne matlhagatlhaga thatanyana mo mmeleng, mme kwa bofelong, ba tokafatse pholo ya bone.

 

“Mesola ya go itshidila mmele ka metlha e akaretsa phokotsego ya go tshwarwa ke bolwetse jwa pelo, bolwetse jwa sukiri, kgatelelo e e kwa godimo ya madi, go tshwenyega thata mo tlhaloganyong le seterese,” go bolela jalo Mop Hanlie Moss, mokaedi wa lefelo la patlisiso wa Tiro e e Batlang Maikatlapelo a Mmele, Metshameko le Boitlosobodutu (Physical Activity, Sport and Recreation [PhASRec]), yo o neng a dumela mo boemong jwa YBB gore e tla tsenela kgaisano eno mme a kopa badiri mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo gore ba tseye karolo.

 

“Re ile ra bo ra kgona go nna maloko a setlhopha sa PhASRec se se nang le babatlisisi ba rona ba ba tlhomologileng, ba ba kwa Finland, Poland, Australia le Cape Town. Boikaelelo jwa rona e ne e le go nna le dikgato tse dintsi ka moo re neng re ka kgona ka gone,” Hanlie o oketsa jalo.

 

Go di goga kwa pele

 

Kwa bokhutlong jwa kgaisano ya dibeke di le robedi, YBB e ne e di goga kwa pele ka dikgato mme ya bidiwa gore ke yunibesiti ya ngwaga ono ya maloko a badiri a a itekanetseng go gaisa botlhe a a tsamayang/tabogang.

 

Maloko a badiri ba YBB a kgonne go taboga kgotsa go tsamaya sekgala sa 65 484,8 km, ba ne ba salwa morago ke Kovsies ka  59 032,3 km le Maties ka 51 814,9 km.

 

Ditlhopha tse di fentseng tsa yunibesiti nngwe le nngwe di ne tsa amogela dibautšhara di le nne tsa R500 go tswa go Bestmed e e tshegetsang kgaisano eno ka madi.

 

Go ya ka mookamedi wa tsa boitekanelo wa Kovsies, e leng Arina Engelbrecht, ba setse ba tshwaragane le go ipaakanyetsa kgaisano e e simolotseng ka 30 Lwetse mme e tla tswelela go fitlhela ka 25 Ngwanaitseele 2019.

 

 

 

O ka e tsenela jang

 

E monate e bile e motlhofo go e rulaganya:

 

  • Setlhopha se nna le badiri ba le bane. Maloko a tlhopha bakapotene ba ditlhopha.
  • Seabe sa mokapotene wa setlhopha ke go rotloetsa ditlhopha tsa bone beke le beke le go rekota sekgala se ba se tsamaileng.
  • Ke kgaisano ya dibeke di le robedi e e rotloetsang batsayakarolo go nna matlhagatlhaga thata.
  • Kgaisano e e latelang e tla simolola ka 30 Lwetse 2019.
  • Batsayakarolo ba ka nna ba dira tiro ya kgaisano go feta gangwe ka letsatsi. Sekao, ba ka nna ba taboga, ba itshidila mmele kwa jiming, ba swaya dibaesekele ba bo ba rekota dikgato tsa bone go oketsa dintlha tsa tiro nngwe le nngwe e ba e rekotang.
  • Go rekota itshidilo mmele e e dirilweng, batsayakarolo ba tlhoka go nna le founo ya makgonatsotlhe (smartphone) kgotsa tshupanako ya metshameko.
  • Dintlha tsotlhe morago ga beke nngwe le nngwe ke tsa setlhopha sotlhe.
  • Kwa bokhutlong jwa dibeke di le robedi, go balelelwa palogotlhe ya dikilometara le diitshidilommele tse di rekotilweng ka go taboga/tsamaya, go swaya baesekele kgotsa ka go itshidila mmele kwa jiming.

Go bona tshedimosetso go ya pele ka kgaisano e e ntšhwa, tsweetswee ikgolaganye le Mop Hanlie Moss kgotsa badirammogo ba Ofisi ya YBB ya Boitekanelo: Kehumile Katametsi kwa 018 389 2336 kgotsa Genevieve Poodhun kwa 016 910 3295.