PHETLHOLELA KWA TLASE

Dintlha tse di kgatlhang ka dinaka tsa kgama

 

Dintlha dingwe tse di kgatlhang ka dinaka tsa kgama ke tse le gore phologolo eno e di dirisa jang. Ka go tobetsa digoke, o tla kgona go bona gore ke diathikele dife tsa inthanete tse di dirisitsweng jaaka motswedi-tshedimosetso.

  • Dinaka tsa kgama

    Dinaka tsa kgama ke dibetsa tse di mosola tsa yone. Diphologolo tseno di dirisa dinaka tsa tsone go itshireletsa, kgotsa go sireletsa motlhape wa tsone kgatlhanong le diphologolo tse di jang nama. Gape di a di dirisa fa di lwantshana ka nako ya go gwela ga tsone.

     

    Tota e bile, go bonala dinaka tsa diphologolo tseno di lootsega sentle fa tse ditonanyana di lwela tse di namagadi. Fa lefelo la tsone la bonno le di le itshegetseng le tsenwa-tsenwa ke tse dingwe, tse ditonanyana di lwa ka go thulantsha dinaka go bontsha gore komang ka nna ke mang.

    BUISA GO FETA

  • Bontsi jwa mefuta ya dikgama

    Mo gare ga bontsi jwa mefuta ya dikgama, tse ditonanyana le tse di namagadi di na le dinaka, mme dinaka tsa tse ditonanyana tsone di dikgolwane. Mme go na le mefuta e mengwe gape ya tsone ya tse di namagadi tse di se nang dinaka.

     

    Dikgama tse di nang le dinaka di farologana thata ka bogolo le ka popego. Dinaka tsa diphuthi le tsa dikgama tsa mebele e mennye di “motsu”, mme tsa mefuta e mengwe ya dikgama tsone di obegela matlhakoreng otlhe (ka sekai, tsa diphofu), kgotsa di a itšhophelela (ka sekai, jaaka tsa tholo yo mogolo).

    BUISA GO FETA

  • Tholo e tonanyana

    Tholo e tonanyana e na le dinaka tse di telele go feta tsa diphologolo tsotlhe tse di nang le dinaka tse di fitlhelwang kwa Kruger National Park. Fa tholo e tonanyana e na le dikgwedi di le robonngwe e simolola go tswa dinakana tse pedi, tse di simololang go gola le go itshopelela fa e ntse e gola jaaka go ntse ka dinaka tsa tse di godileng tse ditonanyana.

     

    Go nnile le makgetlo a le mmalwa a ka one botholo ba batonanyana ba neng ba lwa ka go thulantsha dinaka tse morago ga moo di neng tsa gokagana di bo di sa kgone go ikgaoganya – mathata a teng ke gore fa di ntse jalo, di tlhaselwa motlhofo ke diphologolo tse di jang nama.

    BUISA GO FETA

YA INTASETERI YA
DIPHOLOGOLO TSA NAGA

Go senola bokgoni jo ikonomi

Mankge wa diphologolo tsa naga e leng Mop Paul Lubout o mo ntšha mo Legorong la

Disaense tsa Tlhago le Temothuo kwa khamphaseng ya Mahikeng.

Go ka direga gore mo bogautshwaneng, YBB e nne le senthara ya yone ya Tiro ya Maemo a a kwa Godimo ya Go Ruwa Diphologolo tsa Naga fa mongwe yo moša mo khamphaseng, mankge wa tiro eo, a ka atlega mo go seo.

 

Legoro la Disaense tsa Tlhago le Temothuo kwa khamphaseng ya Mahikeng le amogetse Mop Paul Lubout yo a reng o "kgatlhwa thata" ke saense ya diphologolo le go di tsadisa”.

 

"Bolwetse jo bo sitang melemo ya kalafi jo bo iseng bo kgonwe ka botlalo, go tsamaisana le phetogo ya tlelaemete le dijine tsa diphologolo tsa naga (dijine tsa diphologolo tsa mofuta o le mongwe) ke gauta e ntšha ya Aforikaborwa mo tirong ya lefatshe lotlhe ya thekenoloji ya diphologolo e e santseng e tlhoka go epololwa gore e solegele molemo naga eno le banni ba yone," Paul o dumela jalo.

 

Go lemoga se se ka kgonang go dirwa ka diphologolo tsa naga

 

Paul o ne a simolola tiro mo intasetering ya go tsadisa diphologolo tsa naga ka 2001 mme mo dingwageng di le mmalwa, a lemoga ka fa diphologolo tsa naga di ka nnang mosola ka gone.

 

Dilo dingwe tse Paul a neng a kgatlhegela go dira patlisiso ka tsone ke go tlhopha dinaka (dijana tsa kgaisano) tse go neng go na le kgonego ya gore di tsenye lotseno lo lo oketsegileng lwa madi go fitlha ka go tlhagisa ga tsone nama ya diphologolo tsa naga.

 

“Ke ne ka tlotla le mongwe yo o tlamelang intaseteri ya diphologolo tsa naga ka karolofefo ya khomphiutha gore go tlhamiwe karolofefo e e tshwanang le yone mo Aforikaborwa ya tsela ya go rejisetara diphologolo tsa naga, go rekota ka fa tiro eno e tla dirwang ka gone le gore go tlhamiwe ditsamaiso tsa tshekatsheko ya dijine mme re ne ra dumalana gore o tla nthusa go e tlhama,” Paul o tlhalosa jalo," Paul o tlhalosa jalo.

 

Ditlhabololo mo intasetering ya diphologolo tsa naga

 

A re go ne ga dirisiwa mokgwa o tsamaiso ya go rejisetara diphologolo tsa naga le ditsamaiso tsa go rekotiwa ga mokgwa wa go dira tiro eno o dirilweng ka yone mme ga okediwa ka mokgwa wa go sekaseka dinaka tsa diphologolo. Go ne ga tlhamiwa mekgwa le ditekanyetso tsa go lekanya boleele jwa dinaka tsa mefuta e le 17 ya diphologolo, mme tsamaiso eno e ne ya simolola go dira ka Mopitlwe 2013.

 

Go ne ga tlhamiwa diteko tsa DNA tsa go netefatsa sentle gore batsadi ba tsone di bafe mme ga jaanong jaana go na le dilaboratori di le nne tse di tlamelang ka diporofaele tsa DNA le netefatso ya gore batsadi ba tsone ke bafe mo intasetering ya Aforikaborwa ya diphologolo tsa naga. Mo godimo ga moo, go ne ga tlhamiwa mokgwa wa botsamaisi jwa go bona dipharologano tsa tsone go dirisiwa diporofaele tsa DNA tsa go bona gore batsadi ba tsone ke bafe mme tirelo eno jaanong e ka dirwa mo mefuteng yotlhe ya diphologolo ka tiriso ya dilaboratori tsa DNA.

 

Paul a re fa go Kokoanngwa ga deitha go sena go simolola, go ne ga tlhamiwa ditekanyetso tsa maemo a a kwa godimo tsa go tlhaola mefuta e le 17 ya diphologolo. Fa go sena go gatisiwa diathikele di le pedi ka mefuta ya diphologolo tsa naga – tse di buang ka dinare le dikgama tse di boboa – go a kgonega jaanong gore banetetshi ba tlhophe dinaka tse di golang thata.

 

 

ya Aforikaborwa e nang le jone