Bokgoni jwa ga Bonga jwa go diragatsa bo mo romela kwa Big Apple

“Re bua Seesemane kwa gae, ntle le fa ke le mo dipharagobeng. Ka nako eo, papa o mpuisa Sezulu,” Bonga Zwane, moithuti wa ngwaga wa bofelo yo o ithutelang Go Maketa o bua jalo a tshega.

Tiro ya ga Bonga ya bommotlelara le ya go diragatsa e tlile go dira gore a tume, mme jaaka a ya kwa Big Apple jaana, gongwe re tla mmona le mo sekerining se segolo.

 

Go dula o itekanetse go botlhokwa thata mo modiragatsing wa bokamoso. Bonga o tlhola mo teng ga jimi e ka nna diura tse pedi ka letsatsi.

PHETLHOLELA KWA TLASE

Bokgoni jwa gagwe jo bo rategang jwa go diragatsa le ditalente tsa mefuta e e farologaneng di dirile gore a newe sekholašhipi sa go ya go ithuta kwa Sekolong se se Tumileng sa Difilimi kwa New York.

 

Bonga o ne a goroga kwa khamphaseng ya YBB kwa Vanderbijlpark a tshwere kgwele ya Rakabii ka seatla ka 2015 fa a sena go wetsa dipoloma ya botsamaisi jwa go maketa kwa Kholetšheng ya Boland kwa Stellenbosch, e bile o ne a feditse dingwaga di le pedi a tshamekela setlhopha sa Maties sa batshameki ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 21.

 

Tshwetso e e fetolang botshelo

 

“Botshelo jwa me bo ne jwa fetoga ka nako e ke neng ka apara jeresi eo e phepole ka yone. Botshelo bo ne jwa tswelela pele sentle kwa Vanderbijlpark, koo a neng a tshamekela setlhopha sa rakabii sa batshameki ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 21 go fitlha kwa bowelong jwa 2018.

 

Go ya kwa nageng e sele go ne ga dira gore tiro ya boitshediso ya ga Bonga ya go nna mmotlelara le go diragatsa e fitlhe kwa mankalengkaleng. O ne a fitlha a nna leloko la setlamo sa lefelo le a neng a le kwa go lone, Models Unlimited, a ithutela dipoloma ya bommotlelara, mafoko a tiragatso mo difiliming, go diragatsa le go dira dipapatso, mme a nna Mo-Vaal yo o fitlhileng kwa makgaolakgannyeng ka 2017.

 

Karolo ya motseletsele o o rategang wa TV

 

“Ke ne ka iphitlhela ke diragatsa mo Getroud met Rugby,” o bolela jalo ka tlhagafalo. “Go ne go le thata tota go dumela seo!” O ne a tswelela a diragatsa mo lenaneong le le tumileng thata la thelebišene ka 2016 le ka 2017 go fitlha a ngantsolola ke Setheo sa kwa Sandton sa Just You ka 2018.

 

Fa a ntse a gaisanela go hiriwa ke setlamo seno, Bonga o ne a tsenela Dipontsho tsa Boditšhabatšhaba tsa Talente ya Diatshe mme a fitlhelela ditoro tsa gagwe tsa go ya go diragatsa kwa dinageng di sele. Mo masimologong a 2019, o ne a newa sekholašhipi sa go ya go ithuta kwa New York kwa Sekolong sa Difilimi go simolola ka 2020.

 

Se se di gaisang tsotlhe kwa Big Apple

 

Sekolo seno se itsege mo lefatsheng lotlhe ka go katisa batho ba ba nang le bokgoni go gaisa botlhe mo intasetering ya boitlosobodutu.

 

E naya batho ditšhono tsa go ithutela didikerii le dithuto tsa morago ga kalogo, mmogo le mananeothuto a terama le dikhoso tsa lobaka lo lo khutshwane. Baithuti ba ka tlhopha go dira difilimi, go diragatsa mo filiming, mmino wa thieta, go tlhagisa difilimi, go kwala difilimi, go tsaya ditshwantsho tsa sinema, go kwala dikgang-kwalo, tiro ya go tsaya dinepe le go feta moo.

 

Bonga o sa ntse a sa itse gore o tlile go latelela efe ya dikhoso tse dintsintsi, mme o tla akanyetsa ditlhopho tsa gagwe ka kelotlhoko pele a ya New York ka Ferikgong 2020.

 

Go sa ntse go ntse jalo, o sa ntse a saletswe ke tiro e ntsinyana ya go ithuta.

 

Bonga o tla fetsa ngwaga otlhe a lootsa bokgoni jwa gagwe le go ipoloka a itekanetse. “Morago ga moo ke ya New York wa bogologolo,” o bua jalo ka monyenyo o mogolo a bo a tlhabeletsa pina. Go ne ga direga gore e bo e le mola wa ntlha ya pina ya bogologolo ya tlelasiki ya Sinatra, “Start spreading the news…”.