Tshotlo e iponatsa ka mekgwa e e farologaneng, go simolola mo mmeleng go fitlha kwa maikutlong, e bile go sotlwa ke mongwe yo o mo ratang yo o mo tshepang go phatlola pelo.

Go feta dingwaga di le 20, Ngaka Tertia Oosthuizen, moithutatlhaloganyo yo o thobang ba bangwe maikutlo yo gape e leng moithuta-boikutlo jwa badiri mo tirong, o dirile patlisiso ka mefuta yotlhe ya tirisodikgoka mme segolobogolo kgatlhanong le basadi. Patlisiso ya gagwe gape e akaretsa go ithuta sengwe se se molemo go tswa mo manokonokong a motho a nnileng le one fa a ntse a gola le thulaganyo ya go letlana le ba bangwe.

PHETLHOLELA KWA TLASE

BOELA MORAGO

 

Letsa mogala go bona thuso: dinomoro tsa botlhokwa

 

Fa o iphitlhela o sotlwa ke mongwe yo o ratanang le ene, thuso e teng:

 

Maloko a badiri ba YBB le malapa a bone ba ka dirisa lenaneo la YBB la mo nageng yotlhe la go thusa badiri la Wellness  la go thoba batho maikutlo go lebanwe difatlhego nabo.

 

Lenaneo leno ke la tirelo ya mo sephiring ya diura di le 24, e e golaganyang badiri ba YBB le ba malapa a bone le baporofešenale ba ba nang le maitemogelo ba ba thobang batho maikutlo go ba thusa ka mathata a botho, a lelapa le a kwa tirong.

 

Badiri le ba malapa a bone ba ka leletsa nomore ya 0800 213 149 gore ba bue le mongwe yo o thobang maikutlo.

 

 

– dira sengwe fa go na le tshotlano mo gare ga baratani

SE DIDIMALE FELA

Mmedia e gatisitse diathikele tse dintsi ka basadi ba le bantsi ba ba tlhophileng go se didimale ka se se ba diragaletseng malebana le tirisodikgoka mo gae le tshotlo. Dikgang tsa batho ba ba tumileng mo nageng ya rona ba ba jaaka Bongekile “Babes” Wodumo le Corlea Botha ke dingwe tsa ditlhogo tsa dikgang di le dintsi tse go neng ga kwalwa ka tsone bošeng jaana.

 

Ngaka Tertia Oosthuizen, motsamaisi wa Lenaneo la Thobomaikutlo la Boithutatlhaloganyo kwa khamphaseng ya YBB kwa Potchefstroom, o ne a bua le eish! ka tirisodikgoka mo gare ga baratani le gore ba ba sotlwang ba ka dirang go laola boemo jo bo ntseng jalo.

 

Tertia a re mofuta mongwe le mongwe wa tirisodikgoka mo gare ga baratani o tlogela dipadi.

 

“Ka maswabi, bontsi jwa ba ba bogang jalo ga ba bue ka gone, ga ba batle thuso mme ba itshokela botlhoko jono.” A re go na le ditsela tse batho ba ka lebanang le go felelwa ke tsholofelo ka tsone, go go bakwang ke tirisodikgoka le tsa go kgaogana le motho yo o go sotlang.

 

Tsela ya go emisa tirisodikgoka mo gae

 

“Go botlhokwa go nna le tsela ya go iphalotsa, segolobogolo mo kgannyeng ya tirisodikgoka mo gae. O tshwanetse go tswa o tsamaye. O ka nna wa ithuta le bana ba gago gore o tlile go dirisa thulaganyo eno ya maemo a tshoganyetso jang.”

 

O tshwanetse go nna o bolokile beke mo lefelong le le sireletsegileng ya fa go ka tlhokega gore o tswe ka lepotlapotla. O ka e baya kwa legaeng la leloko la lelapa kgotsa kwa legaeng la tsala. Beke eno e tshwanetse go nna le khopi e e netefaditsweng ka go bewa setempe ya tokomane ya gago ya boitshupo, diaparo tsa go robala, sele ya bogologolo e e nang le dinomoro tsotlhe tse di botlhokwa mo go yone le sete e nngwe ya dinotlolo tsa ntlo le tsa koloi.

 

Se didimale

 

“O se ka wa swa senku. Motho yo o sotlwang o tshwanetse go bua le mosotli. Mosotli yono o tshwanetse go itse gore o ikutlwa jang. Ngaka ya gago kgotsa tsala gantsi ke bone ba ntlha go go ema nokeng.”

 

Molao wa Tirisodikgoka mo Gae (wa bo 116 wa ka 1998) o teng mo inthaneteng e bile ba ba sotlwang ba tshwanetse go itse gore molao oo wa reng ka mefuta e e farologaneng ya tshotlo, gore e berekwa jang le gore e tshwanetse go begwa kae. Molao ono o bula ditšhono tsa go bona thuso ya semolao.

 

“Go botlhokwa gore ba ba sotlwang ba itse gore ba ka kgona go fenya tirisodikgoka mo gae.” Tertia a re fa go sa twe sepe ka tirisodikgoka eno, e tla tswelela e sa fele mme fa nako e ntse e tsamaya, e tla dira gore motho a felelwe ke tsholofelo gotlhelele, go inyatsa, go nna ditlhong le go sa kgone go kgaogana le maikutlo a a nang le one.

 

A re go batla thuso go tlhoka bopelokgale, mme ka go dira jalo o ka kgona go boloka matshelo le go a fetola  “Bana ba bona se batsadi ba bone ba se dirang. Fa ba bona go na le tirisodikgoka mo gae, le bone ba ka dumela gore tirisodikgoka mo gae ke yone tharabololo ya mathata mme tshotlo eno e bo e tswelela le mo botshelong jwa bone.

 

“Emisang modikologo ono wa yone o o senyang. Ba ba sotlwang ga ba a tshwanela go didimala kgotsa go e itshokela. Go na le mekgatlho mmogo le baporofešenale ba ba ka thusang. Gantsi go na le kgoro ya botso e bile go na le tsholofelo ya gore tshotlo e ka fedisiwa.”