READ MORE

Tiego Kgomo o latelela sekao sa ga Ngaka Joe Tshifularo, yo a neng a le mothusa-modulasetulo wa Lekgotla go simolola ka Phukwi 2015 lobaka lwa dingwaga di le tharo.

Tiego o bona diphetogo tse di seng kana ka sepe

Jaaka fa rotlhe re itse, go fetile nakonyana ntlha e e botlhokwa thata mo teng ga ajenda ya setheo sa thutogodimo e le go dirwa ga diphetogo. Tiego Kgomo, mothusa-modulasetulo wa rona yo mošwa wa Lekgotla, o dumela gore diphetogo tseno di tla tswelela di le botlhokwa

"Ajenda eno e tla bonala mo dikarolong tsotlhe tse di amanang le setheo. E akaretsa NSFAS, tsela ya setlhopha sa botsamaisi sa yunibesiti ya go dira dilo le ditiro tse sepolotiki tse di abetsweng a Ditona," Tiego,  yo gape e leng modulasetulo wa Komiti e e Okamelang Diphetogo ya Lekgotla, o tlhalosa jalo.

 

Tiego o ne a tlhophiwa go nna mothusa-modulasetulo kwa kopanong ya Lekgotla ya di 20 Lwetse 2018, o oketsa ka go re setlhopha sa maloko a Lekgotla se iketleeleditse go tlisa diphetogo go ya pele mo leanong la YBB.

 

Monna yo o marota

 

Tiego Kgomo o dira ditiro di le mmalwa tsa seporofešenale, mme ya bošeng jaaka ke ya go nna mothusa-modulasetulo wa Lekgotla. Tona ya Thutogodimo le Katiso, e leng Mohumagadi Naledi Pandor, o mo tlhomile go nna leloko la Lekgotla lobaka lwa dingwaga di le tharo go simolola ka 2017 go fitlha ka 2020.

 

Jaaka moithuti wa nako e e fetileng yo o motlotlo wa Yunibesiti ya Bokone Bophirima (UNIBO) kwa Mahikeng, Tiego o na le dikirii ya BCom. Ga jaanong jaana ke mokaedi-mogolo wa Henjen Petroleum (Pty) Ltd, e e amanang le Engen, setlamo sa lefatshe ka bophara sa Engen.

 

O ikemiseditse go direla ba bangwe

 

Tiego, yo o direlang mo dikomiting di le mmalwa tsa maemo a a kwa godimo tsa YBB, a re go tlhomiwa ga gagwe go nna leloko la Lekgotla go bontsha go tswelela pele ga ditšhono di le dintsi. Gape go netefatsa ntlha ya gore Modimo o a ikanyega le gore o na le ene ka bosakhutleng.

 

"Go nna leloko la EXCO go raya go sikara maikarabelo a a oketsegileng, ditlamorago tsa ditiro tsa rona, go na le  tšhono ya go nna leloko la setlhopha se se ratang Aforikaborwa thata, yunibesiti ya rona le bana le seabe ba rona."

 

Dikgang tse go tlhomilweng mogopolo thata mo go tsone

 

Tiego a re mo godimo ga ajenda ya Aforikaborwa ya go tlisa diphetogo, go tshegetsa baithuti ka madi ke ntlha e nngwe ya ajenda, mme yone ke kgwetlho e e masisi.

 

Malebana le makgotla a yunibesiti, go dira gore palo ya batho ba bong jo bo sa tshwaneng e lekane ke kgang e e botlhokwa thata ka gonne e tlhomamisa gore maloko a mafapha ano ke a a tswang mo maemong a a farologaneng mo Aforikaborwa.

 

Mokgele o mongwe wa ga Tiego ke go sa gobelele, mme o na le keletso ya go tlisa pharologano e e siameng. E re ka go tlisa diphetogo, tekatekano le tshiamiso mo loagong e le dintlha tse di leng kwa godimo mo ajendeng kwa YBB, go raya gore wena o mo lefelong le le siameng ka nako e e siameng.

.

  • O reetsa mmino ofe fa o ntse o kgweetsa?

    Ke reetsa thata Mmino wa Bodumedi, mme gape ke rata house music ya bogologolo le mananeo a merero ya ga jaanong mo thelebišeneng.

  • Lefelo le o le ratang go gaisa otlhe la go jela malatsi a boikhutso?

    KwaZulu-Natal, Golden Gate le Hong Kong

  • O dirisa jang nako ya fa go se sepe se o se dirang?

    Ke rata go buisa, go reetsa mmino le go itshidila mmele. Mme selo sa bofelofelo se ke se ratang go di gaisa tsotlhe ke go ja nala.

  • O molatedi wa ditlhopha dife tsa metshameko?

    Ke rata kgwele ya dinao mme ke molatedi wa Kaizer Chiefs (PSL), Barcelona (Laliga) le Arsenal (EPL).

  • Motlhomasekao wa gago ke mang?

    Ke Mme, Catherine Madiate Modise.