READ MORE

Thelesekoupo e ntšha kwa khamphaseng ya Mahikeng jaanong e senola masaitsiweng a le mantsinyana a a dikaganyeditseng lobopo.

 

Bolepadinaledi jono jo bo tlhomilweng bošeng bo dira gore batho botlhe, segolobogolo barutwana, ba bone dikgopolo tse di farologaneng tsa saense ya lefaufau le thekenoloji. Bo dira jalo ka ditshupo le dipontsho tsa bolepadinaledi, boithutadinaledi le go ithuta ka lesedi le tsela ya rona ya go bona.

 

Ka fa lebopo le simolotseng ka gone

 

Lengwe la maikaelelo a magolo a bolepadinaledi ke go godisa tsela ya barutwana ya go tlhaloganya ka fa lebopo le simolotseng ka gone, ka fa le fetogileng ka gone le ka fa le tla tswelelang pele le fetoga ka gone.

 

Mop Thebe Medupe, moeteledipele wa lenaneo la Bolepadinaledi kwa Mahikeng, a re ba batla go dirisana mmogo le dikolo mo nageng yotlhe mo mananeong a tiriso ya thelesekoupu. Seno se tshwanetse sa thusa ka go oketsa kgatlhego  e barutwana ba nang le yone ka saense le thekenoloji.

 

Bolepadinaledi bo dirwa ka thelesekoupu ya 16inch Meade LX200 GPS. 60% ya nako go dirisiwa  thelesekoupo go dira patlisiso ka naledi ya lesedi le legolo thata , go letla balepadinaledi kwa khamphaseng ya Mahikeng go ithuta dikarolo tse di ka fa teng tsa dinaledi le tshimologo ya tsone. Bontsi jwa nako bo dirisediwa go tswa letsholo mo baaging le kwa dikolong.

 

Dinaledi ka go tobetsa konopo fela

 

Se se dirang gore thelesekoupu e nne motlhofo jaana go e dirisa ke gore o kgona go e dirisa o le kgakala le yone go dira gore barutwana le batlhatlheledi ba kgone go e dirisa ba le gongwe le gongwe mo nageng ya rona.

 

"Ke tsaya maeto thata mo malatsing ano mme ke kgona go bula serotobolo ke bo ke sutisa thelesekoupu ke le kgakala le yone ," Thebe o bolela jalo.

 

"Se barutabana ba se tlhokang ke porokeramo ya karolofefo ya khomphiutha e e bidiwang TeamViewer, e e ka laisololwang mahala mo inthaneteng. Morago ga moo re ka ba romelela ID ya rona le khunololamoraba gore ba kgone go dirisa thelesekoupung."

 

A re gore seno se kgone go dira, go tshwanetse ga tsena motho a le mongwe ka nako mo TeamViewer.

 

"Ke iketleeleditse go etela dikolo tse di kgatlhegang le go di naya matseno a makhutshwane fa ka thelesekoupu ya rona. Gape re rulaganyetsa go dira bidio e khutshwane ya ka fa thelesekoupu eno e dirisiwang ka gone."

 

 

 

 

"Lebopo la rona le le jesang kgakge mmogo le masaitsiweng a lone a senotswe go sekaenyana fela ka thelesekoupu ya maemo a a kwa godimo kwa khamphaseng ya Mahikeng," go bolela jalo Mop Thebe Medupe.

Gantsi re leba kwa loaping bosigo re bo re ipotsa gore go na le eng ka kwa ga dinaledi le dipolanete tse re di bonang.

Tona ya Saense le Thekenoloji, Mmamoloko Kubayi-Ngubane o ne a simolola Bolepadinaledi jwa kwa Mahikeng ka di 7 Lwetse 2018.

e senolela barutwa masaitsiweng

Thelesekoupo
Thelesekoupo