Ipelele dinepe di le mmalwa tse di tserweng ke Toy.

Bokgoni jwa gagwe jwa go tsaya dinepe ka nako e e tshwanetseng tsa difatlhego tsa batho le dilo tse batho ba di dirang  ke talente e e dirang gore Jabulani Timothy Ncube, yo botlhe ba mmitsang Toy, a tlhomologe mo khamphaseng ya Mahikeng.

 

"Lerato la me la go tsaya dinepe le simolotse  ke sa ntse ke le monnye. Le simolotse ke sa ntse ke tsena sekolo se segolo kgotsa le simolotse ke le mo dingwageng tsa fa lelapa la gaetsho le sena go fuduga go tswa kwa Zimbabwe go ya Hammanskraal," go bolela jalo sekgantshwane se se fatlhogang seno mo khamphaseng.

 

"Ga ke bolo go nna motho yo o elang tikologo e ke leng mo go yone tlhoko mme go bonala go tsaya dinepe go dirile gore ke tseye nako eno ya go itlosa bodutu masisi," go bolela jalo Toy, yo mmedia wa gagwe wa botsalano, moniker , e leng  @Toy Captures.

 

Dinepe tsa gagwe di tlhapile sentle

 

"E re ka ke le leitibolo mo lapeng la bana ba le bane, ke nnile le nako ya go ithuta dilo di le mmalwa tse di kgatlhang mme kwa bofelong, ka kgathegela thata go tsaya dinepe.

 

Toy, yo o buang ka bonolo e bile a le ditlhong, ke moithuti wa ngwaga wa bofelo wa BA yo o ithutelang Botsamaisi jwa Bojanala. A re fa a sena go wetsa thutego eno a ka rata go ikwadisetsa dikirii e nngwe gape ya pele ga kalogo, mme yone e tla nna ya saense ya tlhaeletsano.

 

"Ka ntlha ya go kgatlhegela ga me go tsaya dinepe, ke ile ka rotloetsega go ithutela tlhaeletsano, le fa go ne go setse go le thari mo botshelong jwa me jwa moithuti. Mme ke a tlhomamisega jaanong gore ke bona se e le se ke tlileng go se dira dingwaga di le dintsi tse di tlang," o oketsa jalo.

 

Toy o tlala boitumelo fa a bolelela ba bangwe ka dithulaganyo tsa gagwe tsa mo isagweng. "Mokgele wa me wa bofelofelo ke go ipona ke le rakhemera yo o direlang SuperSport. Ke koo dilo tseno tsotlhe di tlileng go direga gone."

 

Fa o tshwanelwa ke go tsaya senepe mme nako ya teng e le e e tshwanetseng, ga go na nako ya go tshameka.

Setshwantsho sengwe le sengwe se na le kgang e se amanang le yone mme seno se senola lerato le Jabulani Timothy Ncube, yo botlhe ba mmitsang Toy, a nang le lone la go tsaya dinepe

Toy ga a tshameke fa a tsaya dinepe