READ MORE

Director: Facilities

Go tlhomamisa gore yunibesiti e dira kwantle ga dikgoreletsego dipe le gore badiri le baithuti ba kgona go fitlhelela thekenoloji ya maemo a a kwa godimo go batla lefapha le le atlegang, le le nang le bokgoni la IT. Re a go tlhomamisetsa gore YBB e na le lefapha le le ntseng jalo morago ga tiro ya ka natla le go rulaganya dilo ka kelotlhoko.

 

Thulaganyosešwa ya dilo mo YBB e amile lefapha la IT fela thata, e seng fela malebana le dithulaganyo tse di ntšha  mme gape le go fetola tsamaiso e e neng e tshwere badiri ba tshwaregile ka tiro lobaka lo e ka nnang lwa ngwaga. Dipholo di bontsha gore maiteko ano ga se a lefela.

 

Thulaganyo ya IT e fetogile jang?

 

Go ya ka Boeta Pretorius, mokaedi-mogolo wa IT, mo thulaganyong e ntšha eno, mafapha otlhe a khamphase a IT jaanong a ipega ka tlhamalalo kwa IT.

 

Ditirelo tsa Eleketeroniki tsa Potchefstroom le tsone jaanong ke karolo ya IT ka gonne di dira tirelo ya setheo. Lefapha le le ikarabelang ka ditshameka modumo le dilo tse di bogelwang le tsone jaanong ke tiro ya IT.  Phetogo e nngwe gape ka ya gore mo ke ya gore mo thulaganyong e ntšha eno, badiri ba Ditsamaiso tsa Tshedimosetso ya Laeborari ba ipega kwa IT.

 

Diphetogo tseno tsotlhe di feletse ka gore IT e nne le badiri ba leruri ba le 188. "Re itumetse fela thata ka ntlha ya diphetogo tseno ka gonne re tla isa yunibesiti kwa Phetogong ya Lekgetlo la Bone ya Intaseteri," Boeta o bolela jalo.

 

IT e romela YBB kwa isagweng

 

Boeta a re leano le ba nang le lone ka IT le ikgarile mo go tliseng diphetogo tsa dijethale le gore di ka oketsa boleng jwa kgwebo ya konokono ya YBB go le go kae.

 

Mo bogautshwaneng , go tla tlhomiwa mogopolo thata go tshireletsego ya inthanete. Go tlhomiwa ga thekenoloji ya segompieno, melaometheo e e siameng ya go dira dipolane tsa kago, dikgono tse di ntšha le go nna le mokgele o o tshwanang,  tsotlhe fela ke dilo tse di tlisang katlego. Boeta a re dilo tseno di tla dira gore ba nne lefapha le le a gaisang otlhe la IT mo go tsa thutogodimo mo Aforikaborwa.

 

Mafapha-potlana otlhe ke karolo ya setlhopha sa maemo a a kwa godimo sa IT

 

Setlhopha sa YBB sa IT jaanong se na le maphata a le robedi. E leng ditirelo tsa Eleketeroniki tsa Tshireletsego ya Inthanete, tse di nang le lefapha mo khamphaseng nngwe le nngwe; Ditsamaiso tsa Kgwebo; Go Tlhama Dipolane tsa Kago le Karolofefo ya Khomphiutha e e golaganyang diporokeramo tse di farologaneng; Ditiro tsa IT le Ditirelo le Akatemi mmogo le Ditharabololo tsa mo Ofising.

Jaaka nngwe ya metseletsele ya diathikele tsa rona ka dithulaganyo mo YBB, re lebesisa lefapha la Thekenoloji ya Tshedimosetso (Information Technology [IT]) le tsela e le tlileng go isa yunibesiti ka yone kwa mankalengkaleng a thekenoloji ya maemo a a kwa godimo  mo isagweng.

Mokaedi: Ditharabololo tsa Akatemi le tsa Ofisi

Motlhama Dipolane-Kago tsa Kgwebo

Mokaedi-Mogolo: IT

(Mafapha a Mararo a Khamphase)

BOETA
PRETORIUS

MOTLOKWE
THOBEJANE

Mokaedi: Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa

PIETER

ENSLIN

CLAUDIA
PIETERSEN

Mokaedi: Khamphase

ya Mafikeng

RIKA

NIEWOUDT

Mmenejara: Khampase ya Potchefstroom

MARI

PRINSLOO

SHAKES

SCOTT

WILHELM
VAN BELKUM

DANIE

STOOP

Mokaedi: Ditirelo tsa Eleketeroniki

Mokaedi: Tiro ya IT le Ditirelo

Mokaedi: Ditsamaiso tsa Kgwebo

TSAMAISO

 

OFISI YA TAOLO

YA DIPOROJEKE TSA IT LE DIPOROKERAMA

LE POTEFOLIO

 

Dikarolo tsa Ditirelo tsa Kemonokeng

 

Dikarolo tsa Dithulaganyetso

 

Dikarolo tsa Ditharabololo

 

Thulaganyo ya Maemotiro

IT E IPAAKANYETSA

Phetogo ya Lekgetlo la Bone ya Intaseteri