le rotloetsa dikgolaganyo tsa go thusa ba bangwe

 

Boikaelelo jwa letsatsi la patlisiso la setlhogo se se reng "Go Ithuta Boikokobetso" e ne e le la go godisa ditsela di tharo tsa go ithuta boikokobetso. Tsone ke:

 

  • Go itlhatlhoba ka mo go tseneletseng le ditlwaelo tsa gago
  • go se itebe jaaka leloko la setlhopha fela, mme gape jaaka motho, yo o golaganeng le batho ba bangwe botlhe ka dikgolagano tsa go ba amogela le go amega ka bone
  • go ithuta kgono ya go ipaya mo maemong a mongwe o sele yo o ka tswang a sa tshwane le wena.

 

 

Ngaka Laura Weiss, mmatlisisi le moakatemi-mogolo wa morago ga gerata ya bongaka kwa Optentia, o ne a dirisa phousetara eno ka nako ya puisano e a neng a e eteletsa pele.

Dikgolaganyo tsa go thusa ba bangwe di ka tlisa pharologano e kgolo tota. Go ntse jalo segolobogolo fa go thuswa baša ba ba nang le mathata a magolo.

 

Boammaaruri jono bo ne jwa tlhomololwa ka di 26 Lwetse, fa khamphase kwa Vanderbijlpark e ne e tshwere letsatsi la patlisiso ya Optentia la ngwaga le ngwaga.

 

Go ne go tsogile modumo o o seng kana ka sepe fa batho ba le 300 ba ba itumetseng ba dirutwa tse di farologaneng le ditheo tse di farologaneng ba ne ba dirisa nako ya go itsalanya mmogo. Ba ne ba tswa kwa ditheong tsa thutogodimo, mafapha a puso le mekgatlho ya kgwebo.

 

Setlhogo sa tiragalo eno e ne e le "Go Ithuta boikokobetso: Go tlhagisa bosupi le go bo bolelelana".

 

Lenaane le ne le akaretsa tlhatlhelelo, mananeo a mabedi a go rutwa ka inthanete, dipuisano, go neelwa ga dipuo ka porojeke le ka diphousetara le go simolodisiwa ga Karolofefo ya Khomphiutha ya Yabelana. Karolofefo eno ya khomphiutha ke Kaedi ya eleketeroniki e e golaganyang bagodi le ditirelo tse ba di tlhokang tse di leng teng mo tikologong ya gabone. (O ka buisa go ya pele ka yone fano.)

 

Lenaneo le le tletseng ditiro

 

Tiragalo e e tletseng ka ditiro ya Optentia e ne ya simolola ka tlhatlhelelo ya go ithuta boikokobetso ka go dirisa dikgolaganyo tsa go thusa ba bangwe mme yone e ne e neelwa ke Mop Linda Theron, moporofesa yo o tlhomologileng wa lefelo la patlisiso.

 

Linda o ne a tlhalosa gore dikgolaganyo tsa go thusa ba bangwe di botlhokwa go nonotsha  baša ba Maaforikaborwa ba ba lebaneng le mathata a a masisi a a sa kgoneng go rarabololwa. Dikgolagano tsa go thusa ba bangwe tse di eteletsang kwa pele go nna seoposengwe ga batho le go itekanela ga baša di ka nonotsha  baša le go feta.

 

O ne a rotloetsa batlakopanong go eteletsa kwa pele kgang ya go nonotsha baša ba ba mo kotsing. Ba ka dira jalo ka go tshwarana ka diatla le bone, go ba tlhomamisetsa gore ba nonofile le go ba bontsha gore ga ba nosi.

Mananeo a mabedi a a neng a rutwa go dirisiwa inthanete a ne a golaganya batlakopanong le babatlisisi go tswa kwa dinageng tse di jaaka Finland le Denmark, ba ba neng ba ba bolelela maitemogelo a bone le go abelana bokgoni jwa bone nabo.

 

Letsatsi la patlisiso le ne la konelwa ka mananeo a go tshwara dipuisano le a go tlotla ka phousetara, a mo go one batlakopanong ba neng ba tshwara motlolo o o tseneletseng ka ditlhogo tse di jaaka botlhokatiro, tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le go sa sireletsegang ga ditiro.

 

Tiragalo e tlhola dineteweke tse di ntšha

 

Mop Ian Rothmann, mokaedi wa Optentia, a re batsayakarolo ba ne ba itumetse thata ka dineteweke tse di ntšha tse ba di tlhamileng.  "Babatlisisi le baithuti ba morago ga kalogo ba itumelela tšhono ya go ithuta go tswa go bomankge ba boditšhabatšhaba."

 

Mo ditlhopheng tsa puisano, batsayakarolo ba ne ba tlotla ka ditsela tsa go tlhama setšhaba sa batho ba ba pelonomi, mme babatlisisi go tswa kwa ditheong tse di farologaneng tsa patlisiso kwa YBB ba ne ba ithuta go ya pele ka patlisiso ya mongwe le mongwe wa badiri ka bone.

 

Tiragalo e ne ya tlhagisa dipholo tse dingwe gape. Go ne go na le bobotlana karolofefo e le nngwe ya khomphiutha ya go koleka madi e e tlhakanetsweng ke ditheo di le pedi tsa patlisiso le tshitshinyo e le nngwe  ya go dirisana mmogo le baagi.

BACK

LETSATSI-PATLISISO