READ MORE

Mogaka wa YBB, Mop Simon Taole o nnile leloko la YBB dingwaga di le 38 tse di fetileng.

Le fa rekoto ya fisika e YBB e nang le yone e se telele go le kalo, tshimologo ya yone e ne ya gola go fitlha go nna le badiri ba e leng bagaka.

 

Batho ba babedi ba ba di gogang kwa pele mo yunibesiting ke bafisika ba ba katisitsweng, mme ka bobedi jwa bone ba rata serutwa seno thata ka ntlha ya mogaka yo mongwe, e leng Mop Simon Taole. O ne a ruta modulasetulo wa Lekgotla la YBB Ngaka Bismark Tyobeka fisika a ba a e ruta le Motlatsa-Mokanseliri e leng Mop Dan Kgwadi.

 

 "Ke motlotlo go bo ke rutile batho ba babedi bano fa ba ne ba santse ba le baithuti ba pele ga kalogo. Ke motlotlo go bo ke tsentse letsogo mo go direng gore ba atlege," Simon o bolela jalo.

 

O ne a simolola lefapha la Fisika kwa Yunibesiting ya Bophuthatswana ya nako eo ka June 1980. Go ne go na le baithuti ba le 23 fela mo serutweng seno e bile Simon e ne e le ene fela motlhatlheledi mo lefapheng leo go fitlha Mop Lesole Gadinabokao a goroga ka 1981.

 

Ditshwantsho tsa go akgola 'batlhami ba lefapha leno'

 

Fa o tsena mo phaposing ya go tshwarela dikopano e ga jaanong e itsiweng e le Legoro la Disaense tsa Tlhago le Temothuo, o tla bona ditshwantsho tse pedi tse di lekanang le batho ka bogolo, tsa ga Simon le Lesole. E ne e le tsa go ba akgolela go tsenya letsogo ga bone jaaka maloko a a tlhamileng legoro la nako e e fetileng ka 2011.

 

Gompieno, Simon o sa ntse a le leloko la legoro e bile o ruta mmojulu wa Go Tlhaloganya Lefatshe. Gape o ruta baithuti ba ngwaga wa boraro fisika e bile o tlhokometse dionase.

 

 

Go mela metswe mo teng ga fisika

 

Simon, yo o kileng a bo a le modini wa legoro la nako e e fetileng, a re o ikutlwa a le motlotlo go bo a ile a tsenya letsogo go rulaganya khonferense ya ntlha-ntlha ya Fisika e e neng e tlile go nna ya ngwaga le ngwaga mo Aforikaborwa kwa Yunibesiting ya pele ya Bokone Bophirima. Gape eno e ne e le tiragalo ya ntlha mo setheong sa bantsho.

 

Simon, yo o tlholegileng kwa Lesotho, o na le BSc le MSc go tswa kwa diyunibesiting tse di kwa United Kingdom le PhD ya fisika go tswa kwa Yunibesiting ya Ottawa kwa Canada.

 

O kile a nna motlhatlheledi kwa Yunibesiting ya Lesotho le kwa Yunibesiting ya Botswana, mme o nnile leloko la YBB dingwaga di le 38 tse di fetileng.

 

Go fetile diketekete tsa dingwaga fa e sa le Newton a bona apole e wa mo setlhareng, e bile ke dingwaga di ka nna nne fa e sa le Simon a goroga mo Mahikeng. Morago ga dingwaga tseno tsotlhe o sa ntse a dira se a se ratang: go ruta fisika.

 

 

Fisika mo nakong e e fetileng le jaanong: Go leba ka fa di tshwanang ka gone

Fisika ke selo sa bogologolo sa makgolo a le mararo a dingwaga a a fetileng fa e sa le go twe apole e ne ya wa mo setlhareng e wela mo godimo ga tlhogo ya ga Isaac Newton.