READ MORE

Lebaka la go bo sentimethara nngwe le nngwe e le botlhokwa

TSEPA GO

P: Go tlhatlhobiwa ga sebaka go akaretsa eng?

K: Ke tlhatlhobo e e tseneletseng e e dirwang ka botlalo ya sentimethara nngwe le nngwe ya sebaka mo dikhamphaseng tse tharo. Re tla e dirisetsa go tlhabolola deitha mo dipolaneng tsa rona tsa kago le mo sefalana-tshedimosetsong sa rona.

 

P: Goreng lo dira tlhatlhobo eno?

K: Sa ntlha, fa re batla go dirisa dikago tsa rona ka botlalo, re tshwanetse go itse gore re na le dibaka tse di ntseng jang, di kae ka palo le gore di dirisiwa ke bomang. Lefapha la Thutogodimo le Katiso le lone le lebeletse gore re ntshe pego ka sekweremetara sengwe le sengwe sa sebaka mo yunibesiting.

 

Tlhatlhobo eno e botlhokwa thata gore YBB e tswelele pele go gola, e ga jaanong jaana e nang le matlotlo a a fetang R8 bilione a a anameng le dikhamphase tsotlhe. Yunibesiti  ga e ka ke ya tswelela e atologa fela, ka gonne seno se tla ama ditshenyegelo tsa go dira tiro.

 

Ka sekai, lefapha la rona le dira ka akhaonto ya ditirelo tsa dikhamphase. Seno se raya gore re tshwanetse go bala dimitara tse di fa gare ga 500 le 600 tsa motlakase kgwedi le kgwedi ka thuso ya karolofefo ya khomphiutha re bo re di bapisa le diakhaonto tsa mmasepala.  Akhaonto ya motlakase ya khamphase ya Potchefstroom e ka fitlha gaufi le R10 milione ka kgwedi.

 

P: A lo ne lo ise lo nne le tshedimosetso ka dibaka mo YBB?

K: Tshedimosetso ya rona ka dibaka tsa rona e ne e tlhakatlhakane mo nakong e e fetileng e se mo lefelong le le lengwe fela mme gantsi e ne e fitlhelwa fela mo dipampiring kgotsa mo dipolaneng tsa kago. Tlhatlhobo eno e tla tlhomamisa gore tshedimosetso yotlhe e mo lefelong le le lengwe fela.

 

Gape deitha eno e tla nna ya go simolola ditiro tsa tlhokomelo ya dikago gore di se onale, go dira dipolane tsa kago le go dira tiro ya go aga.

 

P: Lo tlile go dirang morago ga tiro eno ya tlhatlhobo?

K: Fa deitha e sena go kokoanngwa, re tla kgona go bona gore ke kae mo go nang le sebaka se sennye thata gone mo magorong a a farologaneng. Mo Legorong la Boenjenere, ka sekai, re tla dirisa dikaelo tsa puso go tlhotlhomisa gore moithuti wa moenjenere mo laboratoring o tlhoka disekweremethara di le kae.

 

Go tlhatlhoba sebaka go tla naya badini tshedimosetso e e maleba gore ba kgone go dira dithulaganyo tsa bone. Seno gape se tla nna le seabe fa go lebeletswe gore go tlile go nna le mananeothuto a mantšha a akatemi. Kwantle ga go ama tekanyetso ya YBB, deitha e tla supa gore a go tlhokega kago e ntšha kgotsa gore ga e tlhokege pele go rutwa lenaneothuto le le ntšha.

 

Deitha eno e nna tshedimosetso ya botsamaisi e e tsenngwang mo teng ga dipolane tsa kago tsa sebaka sa yunibesiti, e Joe Joubert, mokaedi-mogolo wa dikago a e kokoantseng.

 

P: Tlhatlhobo eno e tlile go tsaya lobaka lo lo kae?

K:  E re ka tshedimosetso ya rona e tlhakatlhakane jaana, e tla re boloka re tshwaregile dikgwedi di le dintsi. Gape re akanya ka go reka mananeo a mantšha a khomphiutha a a tla tokafatsang mokgwa wa tiro ya lefapha la dikago.

 

P: Ga twe mafapha le magoro a tlile go duelelwa dibaka tsa one – goreng go ntse jalo?

K: Sebaka se se dirisiwang se go buiwang ka sone mo tlhatlhobong se tlhotlhomisitswe ka mo go tseneletseng mo e leng gore se kgaogantswe ka dimmojulu, ka sekai go tlhotlhomisa gore baithuti ba mmetshe le ba thutafatshe mmogo le batlhatlheledi ba tla tlhoka sebaka se se kana kang. Dibaka tsa babatlisisi le tsone di tlhotlhomisiwa go ya ka selekanyo sa nako e ba e fetsang ba le mo laboratoring kgotsa mo diofising.

 

Go duelela sebaka go tla akanyediwa fa fela tlhatlhobo e weditswe e bile re kgona go kwala dikaelo di le mmalwa. Kgopolo ya go duelela dibaka e tla dirwa fa go tlolwa dikaelo tseno, mme re sa ntse re le kgakala le go ka dira seo.

Liesel van Wyk ka sekai sa boto ya saene e lefapha la gagwe le ikarabelang ka yone.

Eish! e ne ya bua le  Liesel van Wyk, mokaedi wa lefapha la dikago, botsamaisi jwa sebaka mo teng ga dikago le didirisiwa, ka go tlhatlhobiwa ga sebaka mo dikhamphaseng tse tharo ga jaanong jaana.

Fa o iphitlhela o ntse o tsamaya-tsamaya mo khamphaseng mo nakong e e tlang, iphe nako ya go boga bontle jwa dikago tse di ntšha tse di ntseng di agiwa. Seno ke karolo ya thulaganyo e kgolo ya go dirisa sebaka se re nang le sone ka tsela e e molemo.