READ MORE

BOETELEDIPELE,

MME E SENG YA PELO

Phetogo ya

Kwa bokhutlong jwa ngwaga, Mop Fika Janse van Rensburg (ka fa molemeng) o tla rola tiro jaaka mothusa motlatsa-mokanseliri mo khamphaseng ya Potchefstroom. Mop Daryl Balia o tla tsaya marapo ka Firikgong 2019.

Go tsamaisa motho yo mongwe sentle le go amogela yo mongwe gantsi ke selo se se utlwisang botlhoko. Go ntse jalo ka Mop Fika Janse van Rensburg yo o rolang tiro jaaka mothusa motlatsa-mokanseliri mo khamphaseng ya Potchefstroom, le Mop Daryl Balia yo o tlileng go tsaya marapo mo go ene.

 

 

 

Ba mmitsa Moses, Father Christmas, Manjafika, mme tota monna yo o kgatlhang yono yo o tlhogoputswa ke lefika, e bile bokao jwa leina la gagwe ka Sesotho bo raya jalo.

 

Mop Fika  Janse van Rensburg o re bolelela dintlhakgolo dingwe ka botshelo jwa gagwe, o re tlhabela dinoolwane, o re bolelela dikgwetlho le go re itsise ka dinako tse di kgethegileng.

 

BUISA GO FETA

 Leeto le le gakgamatsang la botshelo la ga manjafika! Supa mo go buisa go feta

 

 

 

O rata kofi e e sefilweng, ga se motho yo o itsayang masisi mme o rata go dirisa nako ya gagwe ka tsela e e mosola.

 

Yono ke Mop Daryl Balia, mothusa motlatsa-mokanseliri yo o sa tswang go tlhomiwa mo khamphaseng ya Potchefstroom.

 

Re ne ra mo kopa go re bolelela go le gontsi ka ene le gore o bona jang seabe se a tlileng go nna le sone mo isagweng.

 

BUISA GO FETA

 A motsotso mongwe le mongwe o nne botlhokwa, go bolela jalo Mop Daryl Supa mo go buisa go feta

Fa o buisa diathikele ka batho ba babedi bano, o tla kgona go bona gore ba beile mowa sentle fela. Ka nako ya tiro ya gagwe, Mop Fika o dirile bojotlhe go thusa YBB segolobogolo khamphase. Ka tsela e e tshwanang, Mop Daryl o ikaeletse go bona yunibesiti le khamphase di gatela pele sentle.

 

Tobetsa dikonopo tse di fa tlase go bona e seng fela se ba se solofetseng ka isagwe, mme gape le ka fa ba amegang ka ba bangwe ka gone.