DIKAKGELO TSA MORULAGANYI

A lo ipaakanyeditse bokgoni mo go tsa saense?

Ngwaga o ntse a gagabela bokhutlong? Fa batho ba tlhoma mogopolo mo dilonyaneng tsa bofelo tse ba tshwanelwang ke go di feleletsa mo nakong eno ya ngwaga, ba bangwe bone ba akanya ka tse dikgolo thata tsa saense - tse di akaretsang lefaufau.

 

Athikele ya Eish! e e buang ka Mop Thebe Medupe ya bolepadinaledi mo khamphaseng ya Mahikeng, e bua ka lebopo le legolo le le ka kwa ga polanete ya rona, dinaledi tse di dikologang letsatsi le lošagaripa lwa dinaledi.

 

Fa o etela diwebosaete tsa Thutafatshe ya Bosetšhaba, go tlhaga dintlha di le dintsi tse di kgatlhang. Dikai di le mmalwa tsa teng ke tseno.

 

Mo dipoping tsa rona tse di dikologang letsatsi, Mars e e gaufi le tsone e ka nna ya simolola go nna 'lefelo la bonno'  la ntlha le e le tseetseng Lefatshe. Dingwaga di le mmalwa go tloga jaanong, setlhopha sa batho ba ba leng karolo ya porojeke ya Mars 1 ba tla tsaya loeto lwa go tsamaela ruri , ba sa tlhole ba boela mo Lefatsheng. Ka bonako fela ka 2024, ba ka nna ba goroga mo Polaneteng e Khibidu go ya go aga bonno jwa ntlha jo bo nnetseng ruri jwa batho mo go yone. Re tla bona teng gore a toro eno e tla kgonega le gore a e tla diragadiwa.

 

Mars mmogo le dinaledi tsotlhe tsa rona ke leronthonyana fela mo lošagaripana lwa rona lo lo bopegileng jaaka kgolokwe, e leng Milky Way. Lošagaripa lwa rona lwa dinaledi le na le dinaledi tse di fa gare ga 100 bilione le 400 bilione le bobotlana dipolanete di le 100 bilione. Go tsatsanka boboko go ya pele, balepadinaledi ba re lobopo lo lo kgonang go elwa tlhoko le ka tswa le na le mašagaripa a dinaledi a le 100 bilione.

 

Se sengwe gape se se gakgamatsang ke gore fa o leba kwa lefaufaung ka leitlho la nama kgotsa ka thelesekoupu jaaka ya 16inch Meade LX200 GPS mo khamphaseng ya Mahikeng, o leba kwa morago kwa nakong e e fetileng.

 

E dira jaana: Naledi e e gaufi le dipopi tsa rona tse di dikologang letsatsi, Proxima Centauri, e bokgakala jwa sekgala sa maeto a le mane a lesedi mo ngwageng. Seno se raya gore lesedi le le tsayang leeto go tswa ko letsatsing le tsaya dingwaga di ka nna nne go fitlha mo lefatsheng. Ka jalo, re ka re fa re bona lesedi, le a bo le na le dingwaga di le nne.

 

Re sa ntse re bua ka nako, go ka nna botoka gore re boele mo nakong ya ga jaanong. Re solofela gore wena, mmadi wa rona, o tla itumelela malatsi a boikhutso a a tlang o na le baratiwa ba gago. Re tla tloga re boa re tla ka tokololo ya ntlha ya Eish! mo tshimologong ya ngwaga wa 2019.

BUISA GO FETA

Nuuswenke en navrae: Willie du Plessis, X99 4915 of willie.duplessis@nwu.ac.za

Hulp met navigasie: Marelize Santana, X99 4925 of marelize.santana@nwu.ac.za