READ MORE

Dr Anita Lennox

Ka nako ya KFC Mini Cricket Festival kwa khamphaseng kwa Vanderbijlpark, go ne go baakanyediwa ka kokomana e e latelang ya batshameki ba kerikete ba seporofešenale.

Ka nako ya KFC Mini Cricket Festival kwa khamphaseng kwa Vanderbijlpark, go ne go baakanyediwa ka kokomana e e latelang ya batshameki ba kerikete ba seporofešenale.

Liandi van den Berg

 

Ng Anita Lennox

Ka nako ya tiragalo eno –   KFC Mini Cricket Festival e e neng e tshwerwe ke khamphase ya Vanderbijlpark ka di 15 Lwetse –  batshameki ba dingwaga di ka nna thataro ba ne ba bontsha bokgoni jwa bone ka bete le bolo.

 

E ne e le bangwe ba bana ba le 500 ba ba neng ba emetse dikolo di le 18 mo porofenseng ya Gauteng ba ba nnileng le seabe mo moletlong wa ngwaga ono o o neng o le mogolo go e feta yotlhe mo porofenseng.

 

Leno e ne e le lekgetlo la botlhano khamphase e tshwara tiragalo e e tumileng eno, mme YBB le Boto ya Kerikete ya Gauteng di ne tsa dirisana mmogo le KFC go tlhomamisa gore bana ba ne ba tlile go ipelela letsatsi leno.

 

Nako ya go apara diaparo tsa motshameko

 

Moletlo o ne wa simolola ka go ema ga setlhopha sa motshameko mo moleng mme Liandi van den Berg, motlhatlheledi kwa lefapheng la YBB la Botsamaisi jwa Metshameko, a neela puo e e rotloetsang.

 

Morago ga moo batshameki ba rona ba ne ba kopana le go dumedisana le ba setlhopha sa kerikete sa Central Gauteng Lions, mme ya nna nako ya go apara diaparo  tsa motshameko le go kora dino di le mmalwa.

 

Ngaka Anita Lennox, motlhatlheledi-mogolo mo Sekolong sa Disaense tsa Botsamaisi, e ne e le mongwe wa barulaganyi.

 

A re boikaelelo jwa moletlo wa ngwaga le ngwaga ke go naya bana ba ba fa gare ga dingwaga di le thataro le di le robongwe tšhono go ipelela boitshidilo mmele fa ba ntse ba ithuta go le gontsi ka kirikete.

 

Go dira sentle fa ba itaya kgwele

 

"Bana ba ne ba ijesa monate ka go ithuta dikgono tsa go betsa le go akgela bolo, ba  bo ba kgona go tshameka kwantle ga go inyatsa. O oketsa ka gore setlhopha sa motshameko se thusa ka go dira gore ba tshepane, ka go nna matlhagatlhaga, go ipeela mokgele le go rotloetsana.

 

A re letsholo leno le rotloetsa bana ba ba 110 000 ba ba tsayang karolo mo lenaneong leno mo Aforikaborwa yotlhe gore ba tlhagafale thatanyana. Letsholo leno le ne la simololwa ka 1983 ka go tsenya basimane le basetsana ka lone mo motshamekong wa kerikete le go dira gore ba rate thata motshameko ono o o ratwang segolo mo Aforikaborwa.

Batshameka-kerikete ba ba botlana, mekgele e megolo

Fa mokatisi wa setlhopha sa Protea e leng Ottis Gibson a ka bo a ne a le teng go tla go bogela talente ya ba ba botlana ka letsatsi la fa ba ne ba tshameka kerikete, ga go pelaelo gore batho ba ba tshwanang le AB de Villiers, JP Duminy le Kagiso Rabada ba ka bo ba ile ba nna le sengwe go tshwenyega ka sone.