Rotlhe re na le dikgopolo tse di sa tshwaneng ka boeteledipele jo bo siameng. Mme sengwe se rotlhe re dumalanang ka sone ke gore baeteledipele ba boammaaruri ba a ikanyega. Gape ba na le kgono ya go fetola ponelopele ya bone go nna e e boammaaruri.

 

Tseno ke dilo dingwe tse di boammaaruri ka boeteledipele tse di neng tsa umakiwa kwa Kopanong ya bošeng jaana ya ngwaga le ngwaga ya Boeteledipele kwa YBB. E ne e le kopano ya lekgetlo la bone kwa  Birchwood Hotel kwa Johannesburg.

 

Dibui di le mmalwa tse dikgolo tsa dikgeleke di ne tsa tlhaba botlhe botlhale ka boeteledipele le go ba naya maitemogelo a ba nnileng le one mo tirong ya bone ya boeteledipele. Kwa bokhutlong, botlhe ba ne ba dumela gore gongwe le gongwe – mo teng ga mafapha a poraefete, a puso kgotsa mo gare ga baagi –  boeteledipele bo kgona go ema le go phutlhama.

 

Gape ba ne ba bua ka ditsela tsa go nonotsha baeteledipele. E leng tsa go kgona go dirisa thekenoloji, go bulegelwa ke ditšhono tsa go bona tshedimosetso le go ithuta.

 

Leba bidio ka fa mojeng go ithuta go le gontsi ka kopano ya boeteledipele.

Go etelela pele ka boikanyegi le ka ponelopele

Ke rona ba:

 

"Baeteledipele ba tshwanetse go nna seoposengwe go thusana, le go ya thata kwa pele ga ba bangwe ka tiro go ba rotloetsa. " - John C Maxwell, mokwadi wa Moamerika, sebui le moruti

-TSHEDIMOSETSO

Setlhopha sa botselegany:

sa badiri ba lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgweb

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe:

Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe:

Nelia Engelbrecht - mog 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 26

Eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesemane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.